Motlhala wa Ipelegeng o a bonala
14 Jul 2015
Lenaneo la Ipelegeng ke lengwe la mananeo a Batswana ba ikaegileng ka one go leka go itshetsa le go tlhabolola matshelo a bone.
Motlhala wa lenaneo la Ipelegeng o tsweletse ka go itshupa kwa Seolwane jaaka babereki ba lenaneo la Ipelegeng ba dira mo gotlhe mo go tlhokegang tebang le go tlhabolola motse.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo motseng wa Seolwane Rre Tumelo Otlhasitse o galaleditse lenaneo la Ipelegeng go menagane.
E rile a buisana le lekalana la dikgang la BOPA a tlhalosa fa lenaneo leo le dirile dilo di tshwana le go phepafatsa motse, go tokafatsa kokelwana, go kgaola ditlhare, kagelelo ya lerako la kgotla, go dira ditsela tse pedi tse di yang masimo le tse dingwe fela jalo.
O tlhalositse fa gape ditiro bontsi mo motseng wa Seolwane
di dirwa ke babereki ba Ipelgeng ba ba sa iponeng tsapa.
Rre Otlhasitse o kaile gape fa babereki ba dira tiro ka
natla le ka botswerere ka jaana ba ise ba nne le bothata bope fa ba neetse
babereki tiro go ka e dira.
A re bosheng babereki ba Ipelegeng ba itebagantse le tiro ya go aga ntlo ya mooki ya LA2 e a dumelang fa ba tlaa e dira ka bokgabane.
O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe ka tsoo pedi ke botlhe mo motsaneng wa bone mme ebile segolo bogolo le amogetswe thata ke banana.
Modulasetilo o akgotse botlhe ba-na-le-seabe mo bontleng jotlhe jo bo bonwang mo motsaneng wa bone e le ka ntlha ya lenaneo la Ipelegeng.
A re babereki ba Ipelegeng ba ipelafatsa thata ka lenaneo le ka jaana le bone ba kgona go ora molelo wa mariga le ba gaeno ka lemmenyana le ba le neelwang.
E re go sa le jalo, Rre Otlhasitse o kaile gape fa komiti ya gagwe e itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadisetsang lone lenaneo le la Ipelegeng ngwaga ono.
O supile fa e ne ya re bosheng ba amogela dipalo tse di kwa godimo tsa bagolo le banana ba ba neng ba ikwadisa. A re se se tla jaana morago ga gore Batswana bontsi ba bo ba sa roba sepe mono ngwaga ka ntlha ya pula e e neng e le boutsana lefatshe lotlhe ka kakaretso.
O tlhalositse fa seemo se se ba beile mo mosing ka jaana Lenaneo le le thapa dipalo tse di kwa tlase segolo bogolo mme a re o eletsa gore puso e sekaseke seemo se mme e bo e dira maiteko a go oketsa ba ba thapiwang kwa Ipelegeng.
A re o kopa puso go oketsa bathapiwa go tswa mo dipalong tse di masome a mane le botlhano go ya kwa go tse di masome a marataro.
Mo go tse dingwe gape, Rre Otlhasitse o supile fa ba tshwentswe thata ke seemo sa banana mo motseng ba ba maoto a tshupa mme ebile gape ba sa tsibogele mananeo a ka one mang le mang a ka itlhabololang ka one.
O rotloeditse banana go tsibogela mananeo a puso gore le bone e tsoge e le batho bangwe mo tshabeng ya Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 14 Jul 2015






