Breaking News

Kopano rehabilitation e abela bana-le-bogole

14 Jul 2015

E ne ya re bosheng ba lelwapa looraBogatsu ba e leng basimolodi ba mokgatlho wa Kopano Rehabilitation Foundation go tswa kwa Palapye, ba abela baithuti ba ba-na-le-bogole ba sekolo se sebotlana sa Bobonong dimpho mo moletlong o o neng o tshwerwe kwa sekolong seo.

Mme Leokana Bogatsu, mogolwane wa mokgatlho o, o tlhalositse fa go abela sekole se, go gwetlhilwe ke gore ba bo ba setse ba dirile botsalano le sone, mme ka jaana e le la boraro ba se etela ba bona go tshwanela go tla ba tshwaretse baithuti ba dimpho tsa go itlosa bodutu.

Fa a bua kwa moletlong o, o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa gagwe o boloditse letsholo la go rera efangele ya go godisetsa bana ba
ba-na-le-bogole mo loratong ka se se ka fetola ka fa ba golang ka teng.

Mme Bogatsu a re mokgatlho o, o o reeletsweng ka ngwana wa bone wa mo-na-le-bogole, o na le maitlamo a go tsena mo setshabeng o rutuntsha
batsadi ba ba nang le bana ba ba tshelang ka bogole, botlhokwa jwa go ikamogela, ba bo ba amogela bana ba bone le go lemoga fa bana ba e se morwalo
mo go bone.

O tlhalositse gore e rile fa a sena go tshola ngwana wa gagwe, o ne a iphitlhela a na le letlhoo le lentsi thata mo go ene ka gore a ne a na le bogole. Mme e rile mo tsamaong ya nako se sa fetoga ka a ne a ipha nako ya go tlhaloganya seemo sa gagwe.

“Go tsere lebaka gore Modimo o fetole mowa wa me gore ke lebe Kopano ka lorato, mme e rile se se sena go diragala ka simolola go bona diphetogo mo botshelong jwa gagwe ka gore lorato ka bo lone ke molemo,” a bua jalo.

Mme Bogatsu a re ngwana yo o nang le bogole ke mpho e e tlhwatlhwa kgolo go tswa kwa Modimong ka jalo go botlhokwa go lemoga se pele,
gore go mo fa lorato go tle go nne motlhofo.

O tlhalositse gore ngwana o dira tse a di bonang mo bagolong, mme fa go jalwa lorato mo go ene o tlaa gola sentle ka o tlaa bo a godisetswa mo sethong le mo loratong.

Mme Bogatsu o kaile fa go goroga mo seemong sa go amogela ngwana yo go se motlhogo ka gore go godisa ngwana yo o nang le bogole go na le
dikgwetlho.

O ne a bua fa bontsi jwa bana ba, ba tshwara ka bonya, fa ba bangwe go tsaa lebaka gore motho a ba tlhaloganye ka ba bopilwe ka ditsela tse
di farologaneng.

A re mo makgethong a le mantsi, batsadi ba felela ba fitlha bana ba ka go santse go na le kgethololo e ntsi thata go tswa mo setshabeng.

Mme Bogatsu o tlhalositse fa go santse go tlhoka go dirwa go le go ntsi go fetola Batswana go tsweng mo mokgweng wa go kgaphela
ba-na-le-bogole kwa ntle.

“Go ka nna molemo fa ba ka lemoga fa mongwe le mongwe a bopilwe ka tsela e e faphegileng mme se se ka kgonagala ka go fetola ka fa
batho ba akanyang ka teng ka ba-na-le-bogole.”

O supile fa ba kgona maikaelelo a bone mo Bobonong ka ba lemogile fa batsadi ba motse o ba lemoga botlhokwa jwa go amogela bana ba.

Mme Kopano Marumo, morutabana wa ba-na-le-bogole gone mo sekolong se sebotlana sa Bobonong, o gakolotse batsadi gore ba ikopanye le
batho ba ba ka ba sedilang maikutlo le go ba rutuntsha ka ditsela tse di tshwanetseng tsa go godisa ngwana yo o tshelang ka bogole.

Morutabana o kopile batsadi gore e re ba isa bana ba kwa sekolong ba bo ba setse ba le mo seemong se ba ka bolelelang barutabana gore ngwana yo fa a le kwa lwapeng o tlhokomelwa jang gore go tlhofofaletse barutabana tiro. Mme Marumo o rotloeditse batsadi go ikitaya ka thupana go bona gore ba tshwaraganela kgodiso ya bana ba bone le barutabana.

Motshwarelela mogokgo wa sekolo, Mme Mokgadi Molosiwa o ne a lebogela tirisano mmogo e e setseng e supile fa e le ya sennela ruri magareng
ga sekolo sa gagwe le ba Kopano Rehabilitation Foundation. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segomotso Basuti

Location : BOBONONG

Event : Moletlo wa sekolo

Date : 14 Jul 2015