Barui bare manyena a tura
14 Jul 2015
Barui mo motseng wa Molepolole ba ngongoregetse tlhwatlhwa ya manyena a dikgomo bare a tura ntswa ba leboga puso go bo e fokoditse tlhwatlhwa ya dijo le melemo ya leruo.
Seemo seo, sa tlhwatlhwa e e ko godimo bare se tsile go dira gore ba palelwe ke go rwesa dikgomo manyena ka batho ba sa lekane e se meno.
Barui ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Molepolole bokone Rre Mohammed Khan kwa kgotleng ya Goo-Rammopi Labotlhano.
Fa ba lekodisa mopalamente wa bone ka tse di ba tshwenyang mo kgaolong, ba kaile fa nyeletso lehuma e saletse ko morago mme ntswa dikopo tse dintsi di sekasekilwe.
Mo go tse dingwe banni bare batho bare batho ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma a tshwana lenaneo la dikoko le la dipodi, ba kaile fa go sena tlhokomelo mo diruiweng tseo gotlhelele.
Mongwe wa batsenelela phuthego ebong Rre Warona Ramatokwane o iteetse kobo moroko mafoko ao a gatelela gore dikoko ga difiwe fa dipodi tsone di sa bololodiwe. Are ga gona jaaka lehuma le ka nyelela ka diruiwa tseo di seke di atla. O kopile puso go tsenya leitlho mo baikopeding ba mananeo ao go na le go tshela madi mo motlhobodikeng.
Erile a tsibogela dikakgelo tsa bone Dr. Kingsley Siele go tswa ko lephateng la Veterinary, o boleletse barui gore manyena a ka tswa a tura fa morui a na le dikgomo tse dintsi. Le fa gontse jalo o gakolotse gore barui ba seka ba akanya gore manyena a tsenyediwa go rekisa leruo.
O tlhalositse gore mebaraka e nama ya lefatshe leno e rekisiwang teng ke yone e batlang go itse gore kgomo e ba e rekang e tswa kae ebile ke ya ga mang le gore e ntse e kentiwa jang. Are mebaraka ya mafatshe a Europa ka e le bone ba rekang ka madi a a botoka, barui ba tshwanetswe ke go sala se ba se batlang morago.
O tsweletse ka go kgotlhatsa barui gore ba nne moko o thata ba tswelele fela ba iketeetse ba rwese dikgomo manyena. O boleletse barui gape gore fa nako e ntse e tsamaya go tla tokafala ka ba tlaabo ba sa reke a le mantsi ka dikgomo bontsi di tla a bo di rwesitswe manyena. Are fa barui ba ka rwesa dikgomo manyena ba tla bona maduo a a botoka a dikgomo tsa bone.
Fa a tswelela, Dr. Siele o tsibositse barui gore manyena a ka bo a rekisiwa ko marekisetsong a L.A.C , mathata ke gore ga gona marenyane a a dirisiwang go duela a a ga goromente a GABS.
Dr. Siele o supile fa puso e tshwentswe ke batho ba ba fiwang leruo ka lenaneo la LIMID ba bo ba sa tlhokomele, le fa gontse jalo, are ga gona motho yo o ka patelediwang go tlhokomela se sa gagwe, fela ke gore ba ikiteye ka thupana ba tlhokomele leruo gore le tle le atle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Jul 2015






