Breaking News

Makgalemele o akgola mooki wa pele

14 Jul 2015

Mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirela puso Rre Dikgang Makgalemele o akgoletse mooki wa pele Mme Anne Thipe seabe sa gagwe mo Shoshong.

Rre Makgalemele o buile mafoko a, kwa moletlong o o neng o diretswe Mme Thipe yo o dingwaga di masome a robang bongwe le bongwe wa motse oo ke
ba mokgatlho wa Big Five ka mafelo a beke.

A re tiro e Mme Thipe a e dirileng e santse e le modirelapuso ke tiro e ntle fela e ruri, a e supa fa e ne e le motho yo e reng a filwe boikarabelo a bo tsee tsia mme a dire ka gotlhe mo a nnang le gone go bona gore o thusa setshaba.

O ne a tlhalosa gore ke tshwanelo ya modirelapuso mongwe le mongwe gore fa a filwe tiro ya go thusa batho a e dire fela ka fa go ka eletsegang ka teng, a tlatsa ka gore modirelapuso wa tlhwatlhwa ke yo o dirang tiro ka matsetseleko le ka botswapelo a beile ditshwanelo tsa batho kwa pele.

Rre Makgalemele a re batho ba go tshwana le Mme Thipe ba a tlhokwa fela thata ka e rile nako ya fa ba santse ba le mo tirong ba bo ba supa lorato, boikarabelo, bobelotelele le matsetseleko go thusa setshaba.

A re Mme Thipe o ne a dira ka gotlhe mo a nang le gone a kaya gore mo bodirela pusong jwa gompieno go na le dielo di le lesome tse ka tsone badirelapuso ba tshwanetseng go bereka ka tsone.

O ne a tlhalosa gore dielo tse di lesome tseo di ne di kwalwa go lebilwe tiro e e neng e dirwa ke bo Mme Thipe ka nako ya bone di ne di seyo me ba ne ba bereka ba di setse morago ba itse fa modirelapuso e le motho yo o ntseng jang e bile a tshwanetse go itsaya jang fa pele ga batho.

Rre Makgalemele a re Mme Thipe ke sekao sa boammaaruri e bile o ka eletsa fa badirela puso ba gompieno ba ka tsaya malebela mo go ene.

O ne a leboga ba mokgatlho wa Big Five go bo ba bone go tshwanela go tlotla Mme Thipe a santse a tshela, go mo lebogela tiro e ntle e a
e dirileng mo motseng wa Shoshong le metse e e mabapi.

O ne a ba rotloetsa gore ga go thona gore ba ise leina la ga Mme Thipe kwa maina a isiwang teng gore e re nako nngwe le ene a fiwe tlotla ke Tautona go bo a diretse lefatshe leno ka botswapelo le bopelokgale.

E rile a ntsha la gagwe mmereki ka ene Mme Neo Mogotsi a bolela fa a berekile le Mme Thipe ka dingwaga tsa bo 1964 mme e le motho yo o
lorato, e ele senatla e bile a itse le gore molwetse o tshwarwa jang.

Mme Mogotsi a re Mme Thipe o berekile ka dinako tsa fa go ne go sena ditlamelo tse dintsi tsa botsogo mme o ne a seke a ipona tsapa go thusa balwetse a sa re ga gona ditlamelo kgotsa a re nako ya go wetsa tiro ya letsatsi e fitlhile jaanong o a tsamaya ka e bile o ne a kgona go bereka go feta dioura tse di beilweng gore a thuse batho.

Fa a mo tlatsa Mme Omphile Baikepi le ene o ne a galaletsa tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Thipe a re e ne e le motho yo o boikobo, a le
lebole mo tirong ya gagwe.

Mme Baikepi a re Mme Thipe e ne e le motho yo o sa lebeng gore motho o tswa kae kagotsa o ntse jang a tsaya botlhe ka tekatekanyo e bile
a sa rate motho yo o mo ditlhabing.

A re fa o ka tsena mo motseng wa Shoshong le metse e e mabapi go na le bana ka bontsi ba ba bidiwang boMmathipe ka batsadi ba le
bantsi ba ne ba rata lorato le bopelontle jwa ga Mme Thipe ke ka moo ba neng ba bona go se thona go bitsa bana ka leina la gagwe.

O ne le e ne a leboga ba mokgatlho wa Big Five go bo ba bone gore ba ka direla Mme Thipe moletlo o a santse a tshela ka o dirile go le
gontsi mo Shoshong le metse e e mabapi.

E rile a bua ka mokgatlho wa Big Five modulasetilo Mme Onalenna Setsoma a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka maloko a
badirelapuso ba ba tlogetseng tiro ba motse wa Shoshong.

Mme Setsoma a re mokgatlho o wa bone o na le maloko a le masome a mabedi le botlhano mme ba o tlhamile ba lebile gore go le gantsi e le
badirelapuso ba pele ga go na kwa ba kopanang teng fa ba tswa mo ditirong mme ke sone seo ba boneng go le botlhokwa go tlhama mokgatlho o.

O ne a tlhalosa gore ba ikemiseditse go thusana le go bona gore bangwe ka bone ba e kileng ya bo e le badirelapuso ba tshela jang e bile
ba dira jang.

A re tiro e ke yone ya ntlha ba e dira mme ba ikaelela go dira tse dingwe, a tlatsa ka gore go na le badirelapuso ba bantsi mo Shoshong ba ba tlogetseng tiro ka bogodi mme ba ikaelela go ba thusa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SHOSHONG

Event : Moletlo wa mogodi

Date : 14 Jul 2015