Breaking News

Ba lela ka mmaraka

13 Jul 2015

E re ntswa maphata ka go farologana a puso a eme ka dinao go thusa bao ba ba sa berekeng go simolola dikgwebo, go bolelwa fa letlhoko la mmaraka e santse e le kgwetlho mo bagwebing ba ba botlana.

Se se senogile mo potsolotsong le mme Safirah Tapala wa Elegant Designs mo toropong ya Selebi Phikwe.

Mme Tapela a re mo kgwebong ya bone ba bane ka palo mme ba ne ba bona thuso ya madi a a kana ka P159 000 go tswa kwa lephateng la tsa Bong (Gender Affairs) ka ngwaga wa 2011.

Mme Tapela o tlhalositse fa kgwebo ya bone e inaakantse le go dira dibeke tsa mosepele le tsa sekole, mme mmaraka wa bone e le morafe mme seo se dira letseno le le kwa tlase mo go bakang gore ba seka ba kgona go thapa Batswana ba bangwe le go kokonelwa ke go duela lefelo le ba direlang mo go lone.

Le fa go ntse jalo, o ne a iteela ba lephata la Gender Affairs legofi ka ba ba eme nokeng mo kgwebong ya bone, a supa fa ba ne ba ba fa thuso e nngwe gape ya madi a a kanang ka P81 000 morago ga go lemoga fa ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa.

O ne gape a tlhalosa fa ba bapatsa kgwebo ya bone ka metlhale e e farologaneng e akaretsa go dirisa dikarata tsa kgwebo le mo dipampiring tsa dikgang.

A re toro ya bone ke go bona kgwebo ya bone e aname le lefatshe lotlhe la Botswana ga mmogo le kwa ntle.

Mme Tapela o ne gape a kgothatsa bao ba ba nang le keletso ya go simolola kgwebo go nna pelotelele le go bereka ka natla, ka jaana go tsamaisa kgwebo go se motlhofo.

O ne a wetsa ka gore keletso ya bone ke go rekisetsa dikompone tse di tona mme a kaya fa ba kile ba ya go kopa thuso kwa dikomponeng di tshwana  BCL ka jalo ba santse ba emetse phetolo.

E ne yare a ntsha la gagwe, Mme Olebogeng Morebodi yo o itebagantseng le tsa nyeletso lehuma mo lephateng la tsa bong, a supa fa lephata la gagwe le itlamile go thusa bomme ba ba sa berekeng mme ba ikopantse, ka dithuso tsa madi le go ba ruta ka maele a go simolodisa dikgwebo tsa temo-thuo le tse dingwe  jalo jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Imi Mokgethi

Location : Selibe Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 13 Jul 2015