Ofisi ya mopalamente e abetse baithuti
13 Jul 2015
Mopalamente wa Nkange,Rre Edwin Batshu yo o bileng e le tona ya pereko le selegae o abetse baithuti ba ba tlhokang ba le lekgolo le masome matlhano le bongwe ba sekole se segolwane sa Tutume McConnell college dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le bongwe.
Fa a aba dikobo tseo, mo boemong jwa ga Rre Batshu,mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Nkange,Rre Nganu Kuswane o ile a gwetlha baithuti bao go tlhoafalela thuto.
Rre Kuswane o boletse fa ba lesego ka mogokgo wa sekole seo le ene o nnile mongwe wa ba tseneng mo sekoleng seo le ene tota ke bangwe ba setlhopha sa bobedi go tsena mo teng morago ga go bulwa ka dingwaga tsa bo 1971.
A re seo se ba fa lesedi la gore fa ba ka tlhoafalela thuto ba tlaa goroga fa ba leng teng gompieno ka ntlha ya thuto e ba e amuleng ka dinako tsa bone.
Rre Kuswane o ne a bolela fa lefatshe le lebanwe ke kgwetlho e tona ya kwelotlase ya itsholelo ka jalo go se motlhofo go tlamela mongwe le mongwe. A re go supa fa kwelotlase eo e sa ame lefatshe fela,le batho le yone itsholelo e wela tlase.
O tsweletse a bolela fa seo e le sone se se gwetlhileng tona Batshu go bona fa go tshwanetse go thusana le puso go abela ba ba tlhokang. A re gape e ne e le bontlha bongwe jwa go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko,se se tlhokomelang batho botlhe.
O ile a bolela fa sekole seo e ne e le dingwe tsa dikole tse di neng di melediwa mathe ke batho,ka jalo a gwetlha baithuti bao go tsosolosa serodumo seo,a bo a ba gwetlha gape go nna le tebelopele mo matshelong a bone mme ba tlhoafalele thuto gore kamoso ba bo ba abela ba bangwe.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume,Rre Ishmael Mokgethi o ne a galaletsa tiro e ntle e e dirilweng ke Rre Batshu go abela bana bao, a supa fa mpho eo e tsile ka nako e e lebaneng ya mariga.
Rre Mokgethi a re seo se tlaa tlisa pharologanyo mo matshelong a bone.A gatelela ka go ba kopa go somarela mpho eo.
O ile a ba gwetlha go tlogela mokgwa wa go senya dithoto tsa sekole le go dira ditiro dingwe tsa botlhoka tsebe,a re tseo ga di kake tsa ba isa gope mme ba inaakanye le thuto go ipetlela isago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Kabo dimpho
Date : 13 Jul 2015






