Breaking News

Ba rotloetsa tikologo e e phepa

14 Jul 2015

Baithaopi ba Green Scropion kwa Selebi Phikwe Bophirima ba rotloetsa bangwe ka bone ka botlhokwa ja go nna mo tikologong e e phepa.

Mme Bafedile Seitshiro e le wa Kagiso Sesame Green Scropion a re ba ruta banni ba toropo eo ka fa go latlhiwang matlakala ka teng le mosola wa go phepafatsa tikologo ya bone.

Fa a tswelela a re ba itebagantse gape le ka fa batho ba tshololang metsi kateng mo malwapeng.

A re gape ba tshwennngwa ke batho ba ba baakanyetsang dikoloi mo malapeng le mororo ba sena teseletso ka gore ba tshololela leokwane gongwe le gongwe ka seo se ka baka leswe le malwetse mo tikologong e ba nnang mo go yone.

A re ba leka ka bojotlhe go ruta batho mathata e nna fa e le gore mo lapeng go nna bahirisi ba le nosi go sena mong wa teng.

Mme Rejoyce Nkomo ene e le mmereki wa ko Sesame South Green Scropion a supa fa batho bangwe banna maoto a tshupa go tsibogela kgakololo e ba bafang.

A re se sengwe se bakiwa ke gore bontsi ja malapa ga bana tanka e e latlhelang matlakala kesone a felelang a tlala gongwe le gongwe.

O kopile banni go tlhokomela leruo la bone bogolojang dintsa ka ke tsone di tshololang ditanka tsa matlakala fafatshe.

A re o kopa gore bogogi ja khansele ya Selebi Phikwe bo ba thuse ka go rotloetsa banni ba kgaolo ya Selebi Phikwe West go itlwaetsa go nna fa go phepafaditsweng ka go ka kganela malwetse ebile baba fe le dipolaseteke tsa matlakala.

Mme Nkomo le Bafedile ba re bone e le ba Green Scropion tsa Sesame North, Kagiso Sesame batla go simolola go bereka thata le makhanselara a bone le kgosi gore ba kgone go fitlhela maitlamo a bone ka ebile ba ipaakanyetsa kgaisano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Game Rebone

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 14 Jul 2015