Breaking News

Ba Morwa le Bokaa ga ba dumelane ka molelwane

13 Jul 2015

Boeteledipele jwa metse ya Morwa le Bokaa ga ba dumelane ka molelwane o o kgaoganyang metse ya bone.

E rile boeteledipele jwa metse eo bo kopane mo pitsong e e neng e biditswe ke Kgosi Segale Linchwe kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi, dipuisano tsa gana go wela jaaka go ne ga nna le dipharologano mo makgamung oo mabedi.

E rile Kgosi Segale a ba amogela mo bokopanong joo, a tlhalosa fa a romilwe go rarabolola kgang ya molelwane wa motse wa Morwa le Bokaa jaaka ba ne ba ikuela mo phuthegong ya ga Tautona fa e etetse motse wa Morwa.

Kgosi Segale a re Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama e rile a sena go utlwa selelo sa bone a roma Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele yo o neng a ba tlhalosetsa fa bone e le ba kabo ditsha e se bone ba segang melelwane ya metse.

A re Tona Maele o ne a supa fa bone ba diragatsa se bogosi bo se kayang e le molelwane mme ba diragatse se se supiwang ka jalo le ene a mo kopa gore a rarabolole kgang ya molelwane oo ka e le ya bogosi.

Kgosi Segale a re ka jalo bokopano joo ke go ultwa dingongorego tsa bone go tswa mo matlhakoreng oo mabedi le go batla tlharabololo ya one.

Mo phuthegong eo kgosi Segale o ne a laleditse ba lephata la kabo ditsha mo Kgatleng le molaodi go tla go mo reedisa kgang e.

E rile kwa tshimologong Kgosi Masisi Ntshole wa Morwa le lekoko le a neng a tsile le lone ba dumelana ka bongwefela jwa pelo fa ba sa itumelele pitso ya ga Kgosi mme ba supa fa ba sa kake ba kgona go tswelela le phuthego.

Ba ne ba supa fa keletso ya bone e le gore Kgosi Segale a ba bitse pele e le bana ba motho gore ba ithune dinta mmogo e le baeteledipele ba metse eo go buisana mmogo ka jaana maragana teng a bana ba mpa a sa batle mhoholela.

E re dikgang di eme jalo Kgosi Ntshole o ne a supa fa kgang kgolo e le molelwane wa Morwa o motse wa Bokaa o setseng o o tlodile mme e bile karolo ya motse wa gagwe o bitswa gotwe bokaa. 

A re o itse sentle fa molelwane wa motse wa Morwa o tsamayang teng ka rraagwe a ne a mo kaela mme a se kita a lebala e bile o gakologelwa sentle molelwane oo.

E re ntswa go ne ga batla go nna le mekubetsano mo phuthegong eo Kgosi Ntsi e tala Mabodisa le Kgosi Rasesa Rasesa ba ne ba wetsa bokopano joo dibete mme ba kopa thitibalo le tumalano ka jaana metse ya Kgatleng e sena melelwane mme kabo ditsha ba dira se puso e se kopileng go tokafatsa go isa ditirelo kwa batswaneng.

Kgang e ne ya tshwara kgage fa Kgosi Sue Mosinyi wa Bokaa a ne a supa fa bone kwa Bokaa ba sena mathata ape le banni ba Morwa mme bone ga gona se ba ka se arabang ka beng ba ngongorego ba tshwanetse go e bua pele gore ba kgone go araba.

Kgosi Mosinyi le ene a re o itse fa molelwane wa motse wa gagwe o felelang teng ka jalo ga a itse gore gatwe mathata ke eng mme o tla emela go utlwa ngongorego ya molelwane ka baeteledipele ba motse wa Morwa.

Le fa go ntse jalo lephata la kabo ditsha le ne la supa gore le dirile therisanyo le bogosi ka nako ya fa le dira thulaganyo ya tiriso ya lefatshe le tshimolodiso ya go kwadisa ditsha tsotlhe kgaolo ka bophara.

Mothusa mokwaledi wa lephata la kabo ditsha la Mochudi Rre Mpho Keareng o ne a supa fa therisanyo yotlhe e nnile teng mme kgang ya bone e se go dira melelwane kana go kgaoganya metse mme tiro ya bone e le go kwadisa tiriso ya lefatshe lotlhe gore ba itse gore mang o na le eneg ko kae ebile o se dirisa eng.

O ne a kaya fa bone ba ne ba kaelwa melelwane ya metse yotlhe ka nako eo mme ba emetse gore melelwane ya metse mengwe mo Kgatleng e itlhalose sentle gore ba tle ba dire tiro ya bone.

Rre Keareng a re bone ga ba na go dira sepe ntle le gore ba supegediwe fa molelwane wa metse eo e tsamayang teng mme e bile thulaganyo ya kwaqdiso lefatshe e na le therisanyo ka maikaelelo a yone e le go itse tiriso ya lefatshe le go tokafatsa ditirelo.

Kwa bokhutlong Kgosi Segale o ne a tlhalosetsa bokopano joo fa a tla ba bitsa gape mo nakong e e sa fediseng pelo ba le nosi mme a ba laela go tla mo kgotleng kgolo ya bone.

O ne a supa fa go le botlhokwa gore fa gona le kgang a bitse ba bitse botlhe go reetse kgang e mme lekgotla ke lone le faphegileng go rabolola mathata.

Kgosi Segale a re mo nakong e e fetileng fa ba ile go bona molelwane wa metse eo, bangwe ba ne ba ab tlogela mo sebaka tsatsing ka bangwe ba re o felela fa, fa bangwe bone bare kwa mme gone phelelong go tshwanetse ga rarabololwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Pitso ya morafe

Date : 13 Jul 2015