Breaking News

Tlhaelo ya dikoloi le bodiredi e a tshwenya

13 Jul 2015

Makhanselara a Kgalagadi a ngongorega ka tlhaelo ya dikoloi le bodiredi mo kgaolong ya bone. Ba buile se bosheng mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng ya malatsi a le mararo.

Bontsi jwa makhanselara a ne a supa fa tlhaelo ya dikoloi mo maphateng a puso bogolo jang mo lephateng la makgotla a Setswana le tlhaelo ya bodiredi di na le seabe se se ntsi mo go ntsheng maduo a a itumedisang mo tirong ya puso mo kgaolong eo.

Ba kaile fa tlhaelo eo ya dikoloi e ama thata le go diga seriti sa dikgosi ka ba felela nako nngwe ba tsewa ka koloi e le nngwe e e bulegile go ya diphuthegong kwa motseng mogolo wa Tsabong.

Makhanselara a ne gape a supa fa go nna nako e telele go sa thibiwe diphatlha tsa maemo a a kwa godimo a bodiredi mo maphateng a a farologaneng, mme go dirisiwe bangwe go tshwarelela diphatlha tseo ba ba supileng fa ba dira ditiro tseo ka manontlhotlho boemong jwa gore ba tlhatlosiwe maemo.

Fa a baa pele pego ya gagwe modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Justice Nkwane o ne a re khansele eo e neetswe madi a a kanang ka P81 799, 735 mo sephatlong sa ntlha le sa bobedi mo ngwageng wa madi wa 2015/2016 go a dirisa mo go tlhabololeng kgaolo eo.

Rre Nkwane o ne a gwetlha makhanselara a kgaolo eo go ema ka dinao ka go tshwaragana ba bereka mmogo ka se se ka thusa thata mo go tlhabololeng kgaolo eo le go isa Botswana pele.

Monnasetilo wa khansele ya Kgalagadi o ne a tlhalosa mo pegong ya gagwe fa a ne a tsaya loeto go lekola kgaolo ya Kgalagdi bokone go utlwa ka mathata a a tshwenyang mo kgaolong eo mabapi  le mananeo le ditlamelo tse di amang setshaba mo go tsa botsogo, tsa thuto ba-na-le bogole le tse dingwe.

A re o itumedisiwa ke gore mananeo a nyeletso lehuma a tsweletse ka go sologela bangwe molemo ka 50% ya kapari ya bana ba sekole ba e neelwa ke bangwe banni ba
ba akotseng lenaneo leo mo kgaolong eo e bontsi jwa bone e leng bomme.

Rre Nkwane o ne a kaya fa le fa go ntse jalo a sa itumedisiwe ke makhanselara mangwe a a sa buiseng diphuthego tsa kgotla morago ga go tsena diphuthego tsa khansele a kaya fa seo se swabisa thata ka e le bone baeteledipele le barongwa ba setshaba mme go le botlhokwa gore ba ba tlhalosetse ka se se diragalang mo khanseleng mabapi le
ditlhabololo.

O ne a kaya fa gape go sa ntse go na le dikgang tse di tshwenyang thata mo kgaolong eo di akaretsa tsa tlhakanelo dikobo ya dingwaga tse di kwa tlase tsa bana, go thujwa ga matlo le thubetso. 

A kaya fa go na le batsadi bangwe ba ba lobang dikgang tseo mme seo se thatafaletse mapodisi le ba boipelego mo go atlegeng ga dikgang tseo le gone
go senyetsa bana bokamoso.

Fa a ama tsa mananeo a nyeletso lehuma o kaile fa a tsweletse ka go dira sentle mo kgaolong eo a kaya fa dikgwebo tse di berekang di tsholetsegile go tswa mo go 590 go ya kwa go 709 di akaretsa tsa temo-thuo,tsa temo ya dijwalo, tsa boipelego, tsa lephata la bong le tsa temo ya ditlhare.

Mo pegong ya gagwe modulasetilo o ne a supa fa ka tshwaragano ya morafe le dikomiti tsa twantsho borukutlhi le mapodise borukutlli le bogodu jwa diphologolo ka go ela seemo
tlhoko ga ba sesole, batlhokomedi ba diphologolo le ba lephata la dipasa le melelwane bo ile tlase mo kgaolong eo fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o
fetileng.

Mongwe wa makhaselara Rre Ronalad Baitsiwe wa Omaweneno Maralaleng le Kisa , o ne a supa fa a le sebete se molangwana ka mafoko a modulasetilo a gore borukutlhi bo ile tlase a kaya seo fa e se boammaaruri ka dirukutlhi di sa ntse di tsweletse ka go senya bosigo le motshegare ba kaya fa ba batla go utlwa dipalo tsa gore di
fokotsegile ka bokae ka ba sepodise.

Rre Baitsiwe o ne a supa fa mo pegong ya monnasetilo go sa buiwa sepe ka thuto a kaya fa e le konokono ka e le yone e ka nnang le bokamoso le go isa lefatshe leno pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 13 Jul 2015