Mokhanserala o batla BITRI kwa Kgalagadi
13 Jul 2015
Mokhanselara wa Makopong mo Kgalagadi borwa Rre Kotloemang Matswiri o kopile lekalana la Botswana Institute for Technology, Research and Innovation (BITRI) gore fa le oketsa makalana a lone a a mo lefatsheng,le le latelang le nne mo Kgalagadi.
Rre Matswiri o tsentse kopo e mo boeteledipeleng jwa BITRI bosheng mo Tsabong,fa boeteledi pele jo bo ne bo buisa makhanselara a Kgalagadi ba ba tlhalosetsa ka ditirelo tsa lekalana la bone le gore di ka sologela Batswana molemo jang.
Matswiri o tlhalositse gore ofisi ya BITRI e tshwanelwa ke go bulwa mo Kgalagadi mabaka e le gore Kgalagadi o na le ditswammung,metlhaba,metsi a a letswai le diemo tsa loapi jaaka mogote wa letsatsi fa go le selemo ka jalo lekalana la BITRI le ka dira dipatlisiso mme la tla ka ditogamaano tsa gore dilo tse di ka dirisiwa jang go ntsha maduo
a a itumedisang.
Godimo ga moo a re fa BITRI e ka simolodisa lekalana mo Kgalagadi le ka tla ka ditogamaano tsa gore ditsatlholego tse di fitlhelwang mo Kgalagadi di ka dirisiwa jang mme se se
tlhabolole kgaolo ka go tlaa bo go reela gore go nna le madirelo e bile madi a tsena a a ka tlhabololang kgaolo.
O ne a tlaleletsa gore banni ba kgaolo e, le Batswana go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng ba ka thapiwa mo madirelong a mme se se ka thusa go fema seemo sa letlhoko la ditiro gape go tlaa nyeletsa lehuma, go bo go fokotse borukutlhi ka bo tsalwa ke lehuma le go tlhoka tiro.
Fa a tlhalosa ka ditirelo tsa lekalana la gagwe, mookamedi wa BITRI Professor Nelson Thotho o ne a itsise makhanselara fa lekalana la BITRI le dirisa tsa boranyane, le itebagantse le go dira dipatlisiso ka ditsatlholego le gore di ka dirisiwa jang go nna le mosola, mme go tsweng foo fa maduo a supa gore sengwe se se mosola se ka tswa ba tla ka
ditogamaano go diragatsa tiriso e.
Professor Thotho o ne a fa sekai ka magala gore morago ga BITRI e sena go dira dipatlisiso ba itemogetse gore kwa ntle ga go fetlha motlakase a ka dirisiwa go ntsha leokwane.
O ne a tswelela a tlhalosa fa BITRI e dirisanya thata le ba tsa boranyane a re ke ka moo lekalana la gagwe le thapileng banana ba le masome a marataro ba ba ithutetseng boranyane, a supa fa se se ka thusa gore banana ba tseye karolo mo go batlisiseng ka ditsatlholego gore di ka diriswa jang gape go ka tlhama dikgwebo jang ka go ka thusa Batswana, bogolo jang banana ba ba amiwang ke letlhoko la ditiro.
A re se se ka thusa gore ditsatlholego tsa lefatshe leno di dirisiwev(processesing) mo go lone,mme go emise gore di isiwe mafatsheng a sele go baakanyediwa tiriso.
O ne a gatelela kgang e, a fa sekai ka ditswammung tse di epiwang mo Botswana go isiwa kwa mafatsheng a sele di ya go felelediwa teng go ka dirisetswa ditiro tse di
farologaneng, a re di tlhamela mafatshe a madirelo le ditiro mme lefatshe le lone le sa boelwe ke sepe se se kalo.
Mookamedi wa BITRI a re ka go nna jalo go ka tlhama madirelo a ditsatlholego,dikgwebo le ditiro tse Batswana ba ka thapiwang mo go tsone,gape itsholelo ya lefatshe le yone e tlaa tsholetsega.
Professor Thotho o supile fa lekalana la BITRI le dirile ditiro di akaretsa ditena tsa Kalahari Sand Building Block project,a tlhalosa fa lenaneo le e le thulaganyo ya nyeletso
lehuma ka go aga ka tlhwatlhwa e e ka kgonwang ke Motswana mongwe le mongwe.
O tlhalositse gore ka lone lenaneo le la Kalahari Sand Building Block,BITRI e tlaa thusa kgwebo ya ditena ya Maubelo e e itsegeng ka leina Maubelo Poverty Alleviation and Housing project ka go tokafatsa boleng jwa ditena ka go rutuntsha le go ba thusa ka didirisiwa tsa boranayane jo bo wa godimo.
Go ya ka Professor Thoto, lekalana la bone le kgonne go dira lebone le le dirisang marang a letsatsi le le bidiwang Seding.
O kaile fa lebone le dirisediwa go bonesa ditsela, mme ebile tlhwatlhwa ya lone e le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le mabone a mangwe. Se sengwe se a se buileng ka lebone le ke gore le sireletsegile mo bogodung ka gore le patagane mo go ka se kgaoganngweng le sedirisiwa se se gopang marang a letsatsi (solar panel) se magodu a ratang
go se utswa ka jalo go thata gore le ka utswiwa.
A re lebone le, le kgona go tshwara motlakase malatsi a le mararo fa go le maru,ebile le bonesa dimmithara tse supa,mme mo bogaufing le tla bo le tlhabolotswe le tsentswe maranyane a inthanete gore fa le bonesa, batho ba ba fa thoko ga lone ba ka dirisa inthanete motlhofo.
Godimo ga moo, Professor Thoto a re lebone le le tlaa tsenngwa sekapaditshwantso go direla mabaka a pabalesego le itshireletso.
O ne a tlhalosa fa lekalana la gagwe le kopane le lenaneo la nyeletso lehuma le tla bonesa metse ya Ukhwi le Ngwatle mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jul 2015






