Breaking News

Ba Tsau ba lebogela Ipelegeng

14 Jul 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Motse wa Tsau Mme Maletelo Molatlhiwa o lebogetse mananeo a Ipelegeng le Nyeletso Lehuma.

E rile a bua mo phuthegong ya Kgotla ee neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen.Seretse Khama Ian Khama bosheng kwa Tsau, mme Molatlhiwa a supa fa Ipelegeng e thapa banni ba motse wa Tasu ba le masome a supa, mme metsana e mabapi ya Kaure le wa Xhangoro go tlhapiwa badiri ba le masome mane.

Mme Molatlhiwa o ne a re mananeo ao a thusa banni ba motse wa bone go itshetsa. 

O tsweletse a tlhalosa fa Ipelegeng ya motse wa Tsau e tshwere ka that aka ba kgonne go baakanya matlo a barutabana a le bofera bongwe, go aga matlo a boiteketso a mabedi kwa sekolong le go baakanya matlo a Komiti ya Ditlhabololo tsa motse a mabedi.

A re maikaelelo a bone ke go tswelela ba aga leobo la kgotla le le ruletsweng ka borulelo jo bo tlhabologileng le go baakanya terata ya sekolo sese botlana.

Le fa go ntse jalo mme Molatlhiwa o ne a ikuela mo go Tautona gore motse wa bone o sale o solofeditswe sekolo sa diatla sa Brigade mme seo ga se a diragala mo dingwageng di ka nna lesome.

Mme Molatlhiwa o boile a re e le banni ba Tsau ba kopa paakanyo ya Tsela ya Sehithwa-Shakawe, a tlhalosa fa tsela eo e le mo seemong se se maswe ebile e bakile dikotsi tse dintsi thata.

E rile, a tlhalosa ka paakanyo ya tsela, Mookamedi i wa Lephata la Ditsela Mme Kgakgamatso Kalasi a re ke boammaaruri tsela ya Tsau e fetilwe ke nako mme a supa fa paakanyo ya tsela ya Tsau-Habu le Tsau-Nokaneng e simolotse ngwaga oo fetileng o ya fifing.

Mme Kalasi o supile fa ditsela tseo tsa Tsau di tla a shafadiwa mme a re ya Nokaneng-Shakawe yone e tla agiwa sesha fa seemo sa itsholelo se boela mannong

Fa a ba kgwa kgaba ka sekolo sa diatla Tautona Seretse Khama Ian Khama a tlhalosa fa goromente a sa kgone go aga dikolo tse dish a ka lebaka la itsholelo mme go baakanngwa dikago tsa dikolo tse di teng.  BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jul 2015