Breaking News

Malwetsi a a sa tshelanweng a borai

13 Jul 2015

Mogolwane wa lephata la botsogo mo Jwaneng Mme Malebogo Ranko o rotloeditse Batswana go itlhokomela kgatlhanong le malwetsi a a sa tshelanweng.

O buile jalo mo potsolotsong fa ba ne ba tsibosa setshaba ka malwetsi a akaretsa madi a matona, sukiri, khupelo ga mmogo le kankere.

A re ele ba botsogo ba itemogetse fa dipalo tsa malwetsi a di golela pele mo Jwaneng mme ba bona go tshwanela gore ba tsibose setshaba ka malwetsi a gore se kgone go iphemela. A re dijo tse di jewang tsa segompieno le nnotagi ke tsone di bakang malwetsi a go nna jaana.

Mme Ranko o tsweletse a kopa Batswana gore ba itsee ka motlhala ba boele dijo tsa bone tse di nang le moroko ka jaana go supafetse fa di thusa go fokotsa malwetsi a. O boile gape a rotloetsa batho gore ba itshidile mmele ka gore malwetsi a ka bakiwa gape ke mmele o motona.

Le fa go ntse jalo, are o rotloetsa gore batho botlhe fela ba itlwaetse go itshidila ka gore malwetsi a a sa tshelanweng a a ka tsena batho botlhe go sa kgathalesege gore mebele ya bone e kae. 

A re ba bone go tshwanela gore ba ise thuto ka malwetsi a kwa mapalamelong a dibase gore le batho ba tswang kwa ntle ga Jwaneng ba nne le tshono ya go itseela molaetsa b abo ba itlhatlhobela malwetsi ka go farologana. A re go itlhatlhoba go ka thusa go kgatlhantsha malwetsi a ise a nne teng ka jalo o rotloeditse batho go dira ditlhatlhobo gangwe le gape.

Mongwe wa batho ba ba neng ba itlhatlhoba Mme Kerotse Golekanye o akgotse ba botsogo go bob a iseditse setshaba thuto ya go nna jalo. A re ere ntswa go na le thulaganyo ya go itlhatlhobela malwetsi kwa a direlang teng, ene o ne a tsaya tshwetso ya go dirisa tshono nngwe le nngwe go itlhatlhoba morago ga gore a fosiwe ke stroke.

A re bontsi jwa banana mo Jwaneng ba beile matshelo a bone mo diphatseng ka go nwa bojalwa mo go feteletseng, selo se a reng ga se oketse seemo sa mogare wa HIV hela mme se oketsa le one malwetsi a a sa tshelanweng.

O kaile fa ene a tsere kgato ka go ja dijo tsa Setswana di tshwana le mabele le Korong gore a kgone go tshela lebaka, mme le bana a leka go ba ruta mosola wa dijo tse. 

A re ere ntswa thuto e dirilwe ke ba botsogo, go utlusa botlhoko gore batho ba santse bas a tseye dikgakololo tsia.

 A re ntwa kgatlhanong le malwetsi a e ka kgonwa fela ke batho ba fetola ka fa ba tshelang ka teng.

Rre Modisa Phori ene a re ere ntswa a akgola maiteko a ba botsogo, ba tshwanetse ba bitsa batho go ba kaela gore thulaganyo ya tlhatlhobo e dirwa jang. A re ba dirile tiro e ntle ka ebile le ene o kgonne go itlhatlhoba a fologa mo baseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Potsolotso

Date : 13 Jul 2015