Bomme ba itshetsa ka Motswedi Laundry
12 Jul 2015
E re ka Setswana se re moroto wa esi ga o ele, a bo a kile a bua nnete fa a lebile Mme Malebogo Boingotlo le setlhopha sa gagwe sa bomme ba kgotla ya Thomadithotse mo Mahalapye.
E rile mo potsolotsong le BOPA, Mme Boingotlo yo o dingwaga di masome a marataro le bongwe a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2013 ene le bomme bangwe ba le batlhano ba ikopela lenaneo la go intsha mo lehumeng.
Ka Modimo o seke o latlha, o ne a tlhalosa fa ba ne ba atlega, mme ba isiwa dithutong ke ba lephata la boipelego go ithuta go tlhatswa diaparo ga mmogo le go dirisa dimashini tse di tlhatswang.
Mme Boingotlo o ne a tlhalosa gore e rile fa ba le kwa dithutong ba kgothadiwa go bereka ka natla le go rekisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go sola molemo mananeo a mantle ao.
A re e rile fa ba tswa kwa dithutong tseo ba simolodisa kgwebo e ba neng ba tlhatswa diaparo ba dirisa dimashini.
O ne a tlhalosa gore ba ne ba tswelela fela jalo mme e ne ya re morago ga dikgwedi tse thataro maloko a mane a ithola marapo a supa fa kgwebo e sena dipoelo tse di nametsang.
Mme Boingotlo a re ene ka a ne a na le lorato le go nna pelotelele a seka a ipona tsapa mme a tsweledisa kgwebo e, mme a tlhama kompone a e bitsa Motswedi Laundry.
O boletse fa kompone ya Motswedi Laundry e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ya gagwe ka fa se molaong gape a re o supa gore o ne a ile dithutong.
Mme Boingotlo o buile a kanotse sehuba ka tiro e ntle e e dirilweng ke Tautona Khama go dira mananeo a go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.
A re o akgola puso go menagane ka gore mananeo a nyeletso lehuma a fetotse botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe ka ponyo ya leitlho.
O tsweletse a tlhalosa ka gore gantsi o tlhatswetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao le morafe ka kakaretso.
O boletse fa a tlhatswa mmanki o tletse diaparo ka P80 gape a re o tlhatswa le dikobo ka P90.
O tlhalositse fa a dirisa dipoelo go tlamela ba lelwapa la gagwe ka ke ene motlhokomedi a le nosi.
Mme Boingotlo a re dipoelo tse dingwe o di dirisa go duelela bana madi a sekole mo go salang a go ise ko sebolokelong sa gagwe kwa bankeng.
A tswelela ka go tlhalosa gore o baya madi a mangwe ko bankeng gore a dirise mo isagong fa kgwebo e ntse e atlega e gola. Mme Boingotlo a re o santse a dirisanya le ba lephata la boipelego. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 12 Jul 2015






