Spar se abela sekole se se botlana
12 Jul 2015
Lebentlele la Spar le abetse sekole se se botlana sa Olerato Day Care Center dibala makgolo, motshine o o ntsifatsang dipampiri le tshingwana ya merogo..
Mogokgo wa sekole mme Grace Nkhwa o buile se ka letsatsi la kabo dimpho go tswa mo lebentleleng leo.
A re maikaelelo a pulo ya sekole e ne e le go gatelela letshego le le reng tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso, o tswelela a re thuto ke thebe ya setshaba, ka jalo Batswana ba tshwanetse go e tshwaraganela ka gore goromente a le nosi a ka se kgone.
Mme Nkhwa a re fela jaaka goromente a re dikompone di ka thusa mo dikoleng ba ne ba rwala ditlhako ba kopa dithuso ka ba ne ba lemoga fa ba na le botlhoki mo sekoleng sa bone, a re ba lebentlele la Spar ba ba utlwela botlhoko ba bo ba reetsa selelo sa bone.
O supa fa e rile go simologa ba Spar ba etela sekole ba lebelela tse ba di tlhokang mme e re morago ba abela bana materase a ba robalang mo go one, ka ba ne ba ntse ba robala fa fatshe ebile ba tsenwa ke serame, o ne a re ba itumetse ka gore ba amogetse tse dikgolo.
Mme Nkhwa a re o kgothatsa dikompone le setshaba ka kakaretso gore di tsenye letsogo mo dithutong tsa bana go baakanyetsa bokamoso jwa bone.
O supile fa sekole se se gola ka dipalo tsa bana tse di oketsegang, ka ngwaga wa 2006 se bulwa se ne se na le bana ba le masome a mabedi le bosupa gompieno ba na le bana ba le masome a supa. Mogolwane wa lebentlele Rre Moitsemang Kwati a re maikaelelo a bone ke go ema sekole nokeng ka dinako tsotlhe, le go ba neela dithuso tse ba di tlhokang ebile e le tse bone ba ka di kgonang e le ba lebentlele la Spar.
Rre Kwati a re ba dirile se morago ga go etela sekole ba bona se na le botlhoki jo bo tseneletseng, a re ba ne ba setse morago letshego le le reng setshaba se se mautlwelo botlhoko.
Mogolwane wa lebentlele a re ntswa ba feletse ba fitlhelela se, go ne go se motlhofo mme fela ba ne ba seka ba ipona tsapa.
Ba ne ba dira madi ka go kopa dithuso mo Batswaneng, ba rekisa dijo tsa setso, le tse dingwe.
O kaile fa ba ne ba reka dibalamakgolo gore ba kgone go boloka dilo tsa bone tse di mosola mo teng, ka gore yone e a ikanyega go na le go kwalela mo dibukeng. A tswelela a re se se monate ka go nna le sone sebalamakgolo ke gore e re ba ruta bana jaana ka tsone dilo tse a bo ba kgona go ba supegetsa gore ba bua ka selo se se ntseng jang.
Rre Kwati a re selo se se molemo ke gore bana ba je merogo go hema malwetsi a masesannyane jaaka flu, ke se ba boneng go le maleba gore tshingwana e, e tlaa ba sologela molemo fela thata ebile gape e tlaa ba thusa go fokotsa go reka morogo kwa mabentleleng.
Kgosi ya motse Mme Christinah Moloi a re o itumetse fela thata ka go supa fa Batswana ba na le pelo, mowa wa neelo, lorato le mautlwelo botlhoko a re o kopa gore se se tswelele se bo se gole.
Mma Moloi a re sekole se se thusa sa Debswana sa Wendy fela thata ka gore fa se ne se seyo bontsi jwa bana ba ka bo ba sokola, go sena kwa ba tsenang teng, ka jalo a re maiteko a tswelele fela jalo sekole se gole.
Kgosi o kgothaditse bagolwane ba sekole gore mo e seka ya nna gone gotllhe, ba tswelele ba kope dithuso mo setshabeng.
A re ebile sekole se tshwanetse go agelwa matlwana a borutelo a a siameng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : Orapa
Event : Kabo dimpho
Date : 12 Jul 2015






