Breaking News

Motlhopha ntsi ke yo o kgorang

12 Jul 2015

E re 
ka mo malatsing a segompieno go se motlhofo go ka bona tiro gape go sa tlhole
go tlhaolwa gore tiro e e ka dirwa ke borre kgotsa bomme, Mme Simangaliso
Mathonsi o bone go le maleba gore le ene a tsene mo tirong ya go roka ditlhako
e ka tlwaelo e dirwang ke borre.

Mme Mathonsi a re o ne a nna
le keletso ya go anya botsipa jwa go roka ditlhako mo tsaleng ya gagwe Rre
Brigadia Mkwanda go tswa Malawi ka a ne a na le kitso e ntsi. Mme

Mathonsi yo o
dingwaga tse di masome a mane a re o tsere dikgwedi tse tlhano a ntse a ithuta
go roka mme tsala e ya gagwe e ne e sa mo felele pelo.

Mo potsolotsong le ba BOPA, 
Mme Mathonsi o boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2013, ene le tsala ya gagwe
ba bona go le botoka gore ba bule kgwebo mo Masunga.

A re go ya ka ene le tsala
ya gagwe, ba ne ba bona gore kgwebo e ya go roka ditlhako tse di senyegileng,
go kokometsa ditlhako gotlhe le go di tsenya sola e ne e ka ba tshetsa ka ba ne
 ba na le botsipa joo.

A re ba ne ba dirisa madi a ba neng ba ntse ba a ipeetse
go simolodisa kgwebo eo.

O ne gape a tswelela a re, kgwebo e e ne ya amogelwa fela
thata ke batho ba bantsi mme a re go le pele bangwe ba ne ba gakgamalela gore a
motho wa mme o ka dira tiro ya go tshwana le eo.

A re kgwebo e e ne e dira
dipoelo tse di kwa godimo ka e ne e dira bo P7000 kgwedi.

Mme Mathonsi o ne gape a re
bomme ba tlogele go tlhopha ditiro ba dire tiro nngwe le nngwe e ba bonang ba
ka e kgona ba seka ba re ke ditiro tsa borre.

Rre Mkwanda yo o dingwaga tse
di masome a mane le bobedi a re le mo nakong ya gompieno, kgwebo e e dira
sentle fela le fa ba ne ba ise ba simolole go e bapatsa. O ne a tlhalosa gape
gore bareki ba tla ka dipalo tse di kwa godimo malatsi otlhe mme ba oketsege
 thata ka Labotlhano.

E ne ya re fa a tswelela, a bolela fa bangwe ba batho ba ba
tlang go roka ditlhako kwa go bone, ba tswa kwa metseng e tshwana bo Tutume,
Ramokgwebana le e mengwe e e mabapi.

O tsweletse gape a re o ne a
eleditse gore fa kgwebo e godile, ba felele ba kgona go dira ditlhako, ba
bapatsa kgwebo e ya bone mme ba felele ba ruta bangwe batho go roka gape ba
tlhamela batho ditiro.

E re ka kgwebo e seke e
tlhoka dikgwetlho, Rre Mkwanda o boletse fa batho bangwe ba batla go direlwa ka sekoloto. Bokthutlo

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2015