Breaking News

Bodiredi jwa Takatokwane bo 8232aga bana

12 Jul 2015

Modiredi mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen
 Lefifi o tlhalositse fa bodiredi bo tshwentswe thata ke go tlogela sekolo ga
banana ba motse oo ka mabaka a a farologanyeng, go balelwa le boimana.

E rile a bua kwa thuto-seka
dipuisanong le banana ba sekolo se sebotlana sa Takatokwane, mme Lefifi o
tlhalositse fa gantsi dikgang tse di diragala mo malwapeng a batsadi ba
tlogelang bana ba le nosi, ka jalo go tlhoke yo o kgalemang.

O ne a kopa bana ba sekole go
nna ba itsise barutabana kgotsa bogogi ja motse fa e le gore ba itse bana
bangwe mo motseng ba ba nnang ba sena batsadi.

Mme Lefifi o ne gape a tlhalosa
fa go supagetse fa kgokgontsho e le ntsi thata mo baneng ba dikhutsana, selo se
a reng se felela se ba kgobera maikutlo mme ba felele ba sa dire sentle mo
dithutong tsa bone.

Mooki mo kokelong ya motse
oo, Rre Brendan Moilwe o ne a tlhalosetsa banana bao fa boimana bo le borai mo
matshelong a bone ka jaana mebele ya bone e ise e lekane go tshola ngwana, selo
se a tlhalositseng fa se ka nna sa baka leso ka nako ya pelegi.

O ne gape a tlhalosa fa
boimana bo ka ba senyetsa bokamoso ka jaana ba tlaa tshwanelwa ke go tlogela
sekole go ya botsetsing, mme ebile go na le kgonagalo e ntsi ya go
kgokgontshiwa ke bana ba bangwe mo maikutlong nako e ba boelang sekolo morago
ga pelegi.

A re boimana ja bana gape bo
tsisa mathata a tlhaelo ya madi mo lwapeng ka jaana tlhokomelo ya losea e nna
mo batsading ka mmaalone wa bo a sa le mmotlana go dira madi a go fepa lesea
leo, ka jalo a ba kopa go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo go fitlhela ba
gola.

Rre Moilwe o ne gape a
tlhalosa fa boimana bo ka tla le malwetse a mangwe jaaka rasephiphi. O ne gape
a tlhalosa fa dipatisiso di supa fa banana ba ba tsholang ba santse ba le
bannye ba tshabelelwa ke go tlhomaganya bana, mme seo se ka holodisa sebaka sa
bone sa go bona nyalo mo isagong.

Modulasetilo wa
khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi ene o ne a kopa banana bao
go emisa go lekeletsa dilo tse di sa siamang jaaka nnotagi, mme a lebogela
badiredi le bogogi ja motse oo go rulaganya thuto seka dipuisanyo eo.

O ne a ba kopa gore e nne
selo modiro ka jaana bana ba ka tsaya ka tsebe botoka fa ba utlwa molaetsa
kgapetsa-kgapetsa. Ramapodise wa kgaolo eo Rre Ocean Maraganyane o ne a
tlhalosetsa banana ba sekole seo ka bodiphatsa ja go inaakanya le borukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisano

Date : 12 Jul 2015