Breaking News

Modulasetilo o akgola banni

12 Jul 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mogorosi mo kgaolong
ya Lerare Rre Motlhanka Pheko o akgotse banni ba motse oo go bo ba tsibogela
mananeo a puso a go nyeletsa lehuma mo Batswaneng.

Rre Pheko o ntshitse kgakololo
eo bosheng mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA.

A re go a supagala fa jaanong
dikitso ka mananeo a di goroga mo banning ka e ne ya re go le pele ba bo ba le
maoto a tshupa go ka a tsibogela.

A re mananeo a a botlhokwa
fela thata e bile seabe sa one sa go fetola matshelo a batho se bonagala mo
setshabeng ka kakaretso.

O tlhalositse fa lenaneo la
go abelwa dihutshane le atile mo banning e bile e le lone le dirang sentle
godimo ga otlhe.

Ka jalo o ne a rotloetsa ba ba akotseng dithuso tsa
mananeo a go nna jalo go tsenya moko mo nameng mo ditirong tsa bone go di itsa
go phutlhama, a tlatsa ka go tlhalosa fa lorato le boineelo mo ditirong tseo e
le konokono go tsisa maduo.

Mme fela Rre Pheko o ne a
gakolola ba ba saletseng kwa morago go le aramela le sa tlhabile.

Le fa go ntse jalo,
modulasetilo o supile matshwenyego a go abiwa ga dithoto kgotsa didirisiwa tsa
mananeo a. A tlhalosa fa go le gantsi
didirisiwa tsa ba ba setseng ba kanokilwe go thusiwa di goroga morago mme a re
seo se ka feletsa se bakile tatlhegelo ya tshepho mo baikopeding.

Ka jalo a kopa bodiredi go
fefosa ditirelo tsa go thusa batho ba go nna jalo. Bokthutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Mogorosi

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2015