Mogwebi wa Palapye o thusitse bana
12 Jul 2015
Mogolwane wa madirelo a dijo a Grinos mo Palapye, Mme Christinah Ngwako o abetse bana ba ba kobo dikhutswane ba sekole se se botlana sa Kediretswe cheke ya P10 400 go a dirisa mo mosepeleng wa thuto.
Mme Ngwako ke mongwe wa batsadi ba ba utlwileng mokgosi wa ga Tautona wa go thusa bao ba ba tlhaelang, ka go abela sekolo sa Kediretswe a itebagantse segolo bogolo le bana ba kobo dikhutswane.
O ne a itlama go thusa bana bao ba ba lesome le boraro dingwaga tse tharo ka go thomagana go simolola ka 2015 go fitlhelela ka 2017, a bo a diragatsa maitlamo ao ka go baya monwana mo mokwalong o a o tlogetseng le botsamaisi ja sekolo se se botlana sa Kediretswe.
O ne a tlhalosa gore tirisano mmogo le sekolo sa Kediretswe e simologile ka ngwaga wa 2013 fa a ne a abela sekole seo P2 500 le dino tsididi go rutuntsha bana go dira ka thata mo dithutong tsa bone.
A re o ka kgona go tswelela le dithuso ka kemo nokeng ya batsadi le bone barutabana mo tlhokomelong ya bana bao.
Mme Ngwako a re o gwetlhilwe ke letshego la tebelopele ya Botswana le le reng tshaba e e kutwelobotlhoko e e ratang tshiamo e e ratang batho botlhe le lorato le a nang le lone mo baneng.
A re “kgetsi ya tsie e
kgonwa ke go tshwaraganelwa” ebile ke keletso ya gagwe go bona mongwe wa bana
bao a na le boikarabelo mo setshabeng go tlhabolola lefatshe leno.
Mo mading ao ngwana mongwe le
mongwe wa ba ba lesome le boraro o ya go duelelwa P800 wa mosepele.
O ile a leboga Modimo go bo o mo neetse kgwebo e ka yone a kgonang go ijesa le ba lelwapa la gagwe, le gone go sa itebeng a le nosi mme a bona gore a kgaogane tlhogo ya tsie le ba bangwe, ka e le motsadi gape e le mme, ka maikaelelo a gore ka moso ba kgone go ithusa le ba malwapa a bone.
E rile fa a mo kgwa dikgaba raboipelego wa khansele-potlana ya Palapye Rre Teme Molefe a lebogela lorato le Mme Ngwako a le fileng bana ba, a tlhalosa fa khansele e sena madi a a lekaneng go thusa bana ka madi a mesepele ya dikole, a re batho ba ba tshwanang le mme Ngwako ba a tlhokwa mo lefatsheng la Botswana.
A re seo se tlisitse boitumelo mo baneng ka jalo o ne a kopa morafe go ba thusa go tshwaraganela bana ba ka thuto e le boswa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Palapye
Event : Kabo dimpho
Date : 12 Jul 2015






