Breaking News

Balekane ba Botswana ba aga 8232ntlo ya ditso

12 Jul 2015

E 
re ka jaana lefatshe la Botswana le saletswe ke dikgwedi di se kaenyana fela
gore Tebelopele ya 2016 e tle bokhutlong, Batswana ba simolotse go ipaakanyetsa
go amogela ngwana yoo ka matsogo oo mabedi.

Mo go ipaakanyetseng tiro eo,
 Balekane ba Botswana e nnile bone ba neetsweng tiro ya go di goga kwa pele gore
 ba dire ditriro dingwe tse di rileng tse Batswana ba tlaa ba gopolang ka tsone
fa lefatshe la Botswana le digela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le
ipusa e bile tebelopele ya setshaba le yone e tla bokhutlong.

E ne ya re bosheng, 
balekane ba Botswana ba Rasesa ba kopana kwa sekoleng se sebotlana sa Rasesa
maikaelelo a bone e le go simolodisa kago ya ntlo ya ditso e e tla tswelang 
bana bao mosola.

E rile a rola maikaelelo a
bone modulasetilo wa balekane bao Mme Letsema Mosweu a supa fa jaaka ba tlaa bo
ba digela dingwaga tse 50 le Botswana, ba tshwanetse ba supa ka tiro nngwe e le
sekao se setshaba se tlaa ba gakologelwang ka yone.

A re ka jalo ba ne ba thulanya ditlhogo mme morago ba
dumela go aga ntlo ya ditso kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa bone.

Mme Mosweu o ne gape a supa
fa ntlo eo ya ditso e tlaa nna mosola fela thata ka jaana bana ka bontsi ba
golela mo ditlhabologong tsa sesha mme ba tlaa ithuta ka ngwao le ditso tsa 
Setswana mo ntlong eo.

“Se se tla morago ga temogo
ya gore bana ga ba itse sepe ka ditso tsa bone mme ra bona fa e ka nna
botlhokwa fela thata mo go goleng ga bone,”ga kaya modulasetilo.

Mme Mosweu a re ba ikaeletse
gore ngwaga o o tlang e bo e fedile go ka dirisiwa ke bana mme a kopa batsadi
le morafe ka kakaretso go ba ema nokeng le gone go ba thusa gore ntlo e fele.

O bile gape a kopa balekane
ba Botswana ba bangwe ba ba gogang dinao go iteka ka ba ba tlhoka mo tirong eo.

Mme Mosweu a re ba tshwanetse
go itsaya tsia ka gore ba lesego go tsholwa ka ngwaga o lefatshe leno le
tsereng boipuso ka lone.

E rile Kgosi Rasesa Rasesa wa
motse oo, a ba ema ka lefoko a leboga Balekane ba Botswana ka gore ba dira
tiro e ntle fela thata.

A re mo nakong ya gompieno
ngwao ya Batswana e ya nyelela e bile bana ba gola ba sa itse ditso tsa bone
mme kago ya ntlo eo ya ditso e tlaa thusa go ruta bana ka ngwao le ditso tsa
 bone.

Mogokgo wa sekolo seo Mme
Dinah Buisanyang o ne a leboga ma ‘66’ ao mme a supa fa ba sa bolo go eletsa go
nna le ntlo eo.

A re balekane ba arabile
selelo sa bone ka jaana kwa tshimologong ntlo eo e ne e le teng mme ya re
dingwaga di ntse di ya, ya onala mme ya felela e wele.

Mme Buisanyang a re go molemo
thata go bona batsadi ba ema ka dinao go nna le seabe mo thutong ya bana ba
bone ka seo se tlaa ba thusa go itse ditso tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Rasesa

Event : Tshimolodiso ya kago ya ntlo

Date : 12 Jul 2015