Tshwaragano e ka tlhabolola dikole
09 Jul 2015
Baithuti ba sekole se segolwane sa Lerala ba gwetlhilwe go tsaya karolo e kgolo mo go diragatseng gore tshwaragano ya sekole sa bone le sa Hutchesons Grammah School go tswa kwa Scotland e tswelela pele.
Fa a bua bosheng kwa sekoleng seo se se neng se etetswe ke mongwe wa barutabana ba dithuto tsa Geography go tswa kwa Hutchesons Grammah School Rre Calvin Clarke, mogokaganyi wa tshwaragano ya dikole tseo Mme Gaafele Kedidimetse a re gore tshwaragano ya dikole tseo e atlege baithuti ba tshwanelwa ke go tsaya karolo ka go bua kgapetsakgapetsa le ditsala tsa bone kwa Hutchesons Grammah School ba arogana le bone maitemogelo a bone.
A re ba tshwanelwa gape ke go tsaya karolo mo go se ba ditsala tsa bone ba Hutchesons Grammah School ba ba kopang go se dira ka tsotlhe tseo di tlaa tswela sekole sa gagwe mosola.
A re tshwaragano ya sekole sa gagwe le sa Hutchesons Grammah e simolotse ka 2014 e le lengwe la mananeo a British Council la go rotloetsa tshwaragano ya dikole tsa Aferika le tse di kwa ntle ga Aferika.
Mme Kedidimetse a re tshwaragano ya sekole sa gagwe le sa Hutchesons Grammah ke kgatelopele e kgolo ka go setse go na le tema.
A re baithuti ba ne ba dira dipatlisiso di bitswa Hutchesons Challenge mme mo dipatlisisong tseo ba batlisisa gore ke eng baithuti ba sekole sa bone ba tswa mo sekoleng ba le bantsi mme go sa itsiwe gore ba tswela eng.
A re kwa pheletsong baithuti bangwe ba ba neng ba gaisitseba ne ba atswiwa ka P400 ke ba Hutchesons Grammah School.
A re dipatlisiso tseo ga di a felela mo phefong ka baithuti ba ne ba kgona go bua le ba ba neng ba dule mo sekoleng ba ba ruta ka botlhokwa jwa go tsena sekole.
A re mo nakong ya gompieno go tlogela sekole ga baithuti mo sekoleng sa gagwe go wetse tlase fela thata.
O tsweletse a re e ne ya re bosheng sekole sa Hutchesons Grammah sa itlama go duelela baithuti bangwe ba le batlhano sekole le go ba rekela kapari ya sekole a bolela fa tshwetso eo ba e galaletsa fela thata.
Mme Kedidimetse a re moithuti mongwe go tswa kwa Hutchesons Grammah School o ne a etela baithuti ba sekole sa gagwe go bua le bone le go ba fa thotloetso.
Rre Clarke o ne a bolela fa kwa lefatsheng la gabone ba dumela fa thuto e le yone mmangmang ka motho a nna le lesedi ebile a felela a bona tiro e a ka e berekang a direla le setshaba sa gagabo.
O ne a rotloetsa baithuti go itirela dipatlisiso le go ipatlela tse ba di tlhokang ba dirisa maranyane a segompieno.
A re seo se ka kgona go rotloetsa maduo a sekole sa bone. Rre Clarke o ne a abela sekole seo kopi e a neng a bolela fa e le ya botsala mme e tlaa dira gore botsala jwa dikole tse pedi tseo bo nitame.
A re kopi eo e ne e dirisiwa thata ke ba bogosi bogologolo fa ba etetse bomorwarraabone mme ba a nwa se ba se nwang ba e fapaanela.
Rre Clarke o tsere malatsi a le mane a etetse sekole sesegolwane sa Lerala.
E ne e rile go le pele mogokgo wa sekole se segolwane sa Lerala Rre Frank Mahulela a bolela fa a na le tshepho e ntsi ya gore popagano ya sekole sa gagwe le sa Hutchesons Grammah School e tlaa tswelela e gola ebile e tlaa tlhabolola sekole sa gagwe.
O ne a bolela fa a itumeletse loeto lwa ga Rre Clarke ka a nnile le bokopano le ene mme ba kgonne go bona gore ba ka tsamaisa jang popagano ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego
Date : 09 Jul 2015






