Breaking News

Magapa o segofetse

09 Jul 2015

Ba lephata la temo- thuo ba kgaolo ya Palapye le bone bane ba seka basalela morago mo go nneng  le seabe ka nako ya Mokwaledi Mogolo wa ofisi ya ga Tautona Rre Cater Morupisi fa a abela malapa a le mabedi matlo, ba ne ba aba tshingwana ya merogo, ba bo ba e agelela.

Fa Mme Gaopalelwe Magapa, ene a ne a tsenya pompo ya metsi gore dijalo tse di neng di lemiwa di seka tsa bolawa ke go tlhoka metsi. 

Mme Magapa ke mongwe yo o neng a tsaya boikarabelo ja go tsaya ngwana wa ngwana wa ga Rre Ntatelang go mo tlhokomela.

Mme Magapa o tsere ngwana yoo wa mosimane a le dingwaga di pedi, morago ga go tlhokafala ga ga mmaagwe, mo nakong eno mosimane yoo o feditse dithuto tsa gagwe tse di kgolwane tsa mophato wa botlhano ka fa tlase ga tlhokomelo le kgodiso ya ga Mme Magapa. Mo nakong eno ngwana yoo ke oo Ramagapa o ntse o nna le ene.

Modulasetilo wa lekgotla le le okametseng dikomiti tsotlhe tsa Palapye tsa ditlhabololo Rre Benjamin Ndaba ene o ne a re e le ba komiti eo le ene ka sebele sa gagwe ba tlaa tsenyetsa Rre Maleko Ntatelang ditshipi tse di sireletsang mo  bogodung.

Dimpho tsa nna matsorotsoro fa mokwaledi wa lephata la ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirela puso Mme Kebonye Moepeng a supa fa ba tlaa tsenyetsa Rre Ntatelang Motlakase.

E ne ya re go le pele ba lekodisa ka fa dikago tseo di tsamaileng ka teng modulasetilo yo mosha le yo mogologolo Rre Matshwenyego Molabi ba ne ba supa fa mo kagong ya ntlo ya ga Mme Makgaswe Mokopi ba ne ba simolola ka go batla  setsha.

Rre Molabi o ne gape a lebogela boradikgwebo ba ba neng ba tsenya letsogo mo tirong eo go ba thusa ka ditsa kago, go tsenya metsi le gone go teratelela setsha seo. 

Fa a tswa la gagwe mongwe wa bagolwane ba dikgwebo mo boemong ja batsadi Rre Matshedio Makwapa o ne a re go a itumedisa go bona seabe sa bone mo go tsenyeng letsogo go thusa bao ba ba sa ikgoneng se lemogiwa ke puso.

Mme o ne a ba solofetsa gore ba itlamile go thusa go feta fa ka dinako tsotlhe fa go nang le letlhoko teng, segolo jang ba lebeletse banni ba Palapye.

Mothusa mokwaledi wa khansele -potlana ya Palapye Rre Koti Molefi o ne a supa ka fa ba neng ba intsha setlhabelo ka teng go tsenya letsogo  go bona gore tiro eo e wediwa ka seemo le seriti se se e tshwanetseng.

E ne erile go le pele Kgosi Samuel Maforaga a supa fa tiro ya mothale o e le molemo thata ka e dirwa ka maikaelelo a go bipa lehuma la ba ba sa ikgoneng, mme a re se ke boswa jo Tautona wa nako eno a tlaa gakologelwang ka jone. BOKHUTLO   

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 09 Jul 2015