Breaking News

Maitseo a aga

09 Jul 2015

Moopedi wa setlhopha sa Culture Spears, Mme Magdeline ‘Charma Gal’ Mogwe, a re maitsholo a mantle a bula dikgoro mo tseleng nngwe le nngwe e motho a batlang go e tsaya mo botshelong.

E rile fa a bua morago ga mogwanto wa go kokoanyetsa madi a kabo dimpho ya sekole se segolwane sa Mogorosi kwa kgaolong ya legare,  Mme Mogwe o gakolola bana ba sekole seo go re botho gape bo ka supa se motho a leng sone. 

A re maitshwaro a eletsegang a ka ba isa mankalenkaleng a dithuto tsa bone.

Mme Mogwe o ne a kopa bana go nna le boitsholo jo bo siameng mo barutabaneng ba bone, mme a ba tlhalosetsa fa motsadi le morutabana ba tshwana fela mme ba farologanngwa ke tikologo.

 O tsweletse ka go kopa batsadi go nna ba buisa bana bone sentle ka paka tsotlhe ebile ba dirise mafoko a tlhapileng ba ba bua le bana.

Fa a amogela baeng mogokgo wa sekolo Mme Uyapo Samuel o ne a tlhalosa lebaka la gore ba tshware mogwanto, are ba ne ba dira se go kokoanya madi a kabo dimpho tsa bana ba sekolo monongwaga.

Mme Samuel o ne a tlatsa ka gore ga se gore ba kokoanya madi fela mme ba direletse se go sedila mmele le maikutlo, are se se tla thusa go nna le botsogo jo bo sireletsegileng go ya ngwageng wa 2016.

Mo go tse dingwe Mme Samuel o ne a tlhalosa fa ba na le matshwenyego ka jaana bana ba sekolo sa gagwe bontsi bana le bothoki, are gantsi bana ba kgona go nna lebaka basa iponagatse ko sekolong.

O ne gape a thalosa fa batsadi bangwe ba ikgatholosa bokamoso ja bana ba bone ka jalo go nna thata mo go bone gore ba leke go thusa bana ba. 

Mma Samuel are bana le bothata ja gore bana bangwe ba tswa ko sekolong se sebotlana basa itse go bala le go kwala, jalo ba ne ba ba direla ntlo ya bone ya boithutelo go leka go tlokafatsa seemo se. Are ba rotloetsa baithuti ba go nna pelotelele gore ba fithelele ditoro tsa bone. 

O ne a lebogela gore bogogi jwa motse bo tsibogela mathata a bone ka bonako mme ba bate se se ka a rarabololang mo nakong e khutshwane. 

Bangwe b aba neng ba tseneletse mogwanto o ke Rre Mothanka Pheko, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana rre Edward Rantshu, magareng ga ba bangwe.

Ntle le serame le diphefo tse di neng di tsubutla banni ba kgaolwane e le bone ba seka ba ipona tsapa mme ba tshologela ntwa e bana ba bone le barutabana ba e bolotseng go kokoanyetsa kabo dimpho lemmenyana la madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Precious Ramotlopi

Location : Serowe

Event : Mogwanto wa go kokoanya madi

Date : 09 Jul 2015