Breaking News

Tshomarelo ya lefatshe konokono

09 Jul 2015

Banni ba Mhalapitsa kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba rotloeditswe go somarela lefatshe le ba le filweng ka e le lone konokono ya botshelo jwa sennela ruri.

Se se builwe ke Rre Koketso Lesolebe, mothusa mokwaledi wa lephatla la kaboditsha la Sefhare/Ramokgonami kwa kgotleng ya Mhalapitsa mo thulaganyong ya go isa ditirelo tsa lephatla Leo kwa banning ba Mhalapitsa.

Rre Lesolebe are lephatla la gagwe le tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tse Batswana ba fitisetsang ditsha tsa bone kwa bathong ba bangwe morago ga ba sena go di abelwa ke ba kabo ditsha.

O rile matshwenyego a magolo ke gore Batswana ba fitisetsa lefatshe kwa batsweng-kwa mme morago ba bo ba tlhoka bonno. O tlhalositse fa metse e e dira se ka palo tse di kwa godimo e le motse wa Pilikwe le wa Shakhwe.

O rile lefa selo se se dirwa thata ke banana, go nale bagolo bangwe ba ba dirang jaalo.

O tlhalositse fa batho bangwe ba abela bangwe lefatshe le le sa ba lebanang la boswa le matlotlo mme morago ga dibekenyana, bangwe ba tle go ngongoregela phitiso ya lefatshe leo mme e be e re fa ba kabo ditsha ba seka seka, ba fitlhele ele gore go boammaruri, lefatshe la teng ga le a abiwa ka tsamaiso e e tlhamaletseng.

O ne a kopa tirisanyo mmgo mo morafheng go emisa mokgwa o wa go fitisa lefatshe ka tsela epe fela go balelwa le ka thekiso ya lone.

Rre Lesolebe o ne a kopa morafhe wa Mhalapitsa gore o leke ka bojotlhe go foketsa dipalo tse lefatshe le fitisetswang kwa bathong ba bangwe ka tsone.

O ne tswelela ka go tlhalosa are le fa ba ntse ba letlelela neelano ya ditsha, Batswana ba tshwanetse go sala morago tsaimoso e e tlhamaletseng.

Rre Lesolebe one a tlhalosa gape fa ba lemogile gore Batswana ga ba dirise batlhokomedi ba lefatshe sentle bogolo jang mo peong ya ditsha tsa masimo.

O tlhalositse fa dikopo dingwe di tla di sa sainiwa fa tse dingwe, baikopedi ba ikopololetse monwana wa motlhokomedi wa lefatshe.  O ne a supa fa selo se e le molato ebile dikopo tse di ntseng jaalo ba ka seke ba di letelele.

O rile dilo tse di diragala ka gore gantsi, baikopedi ba nyatsa balebaledi ba lefatshe. O ne a kopa morafhe gape gore batho ba rerisane le baagisanyi ba bone fa ba ikopela peo ya ditsha go itsa dikgotlhang tse di sa tlhokagaleng.

O ne a kopa gape gore batho ba kwadise ditsha tsa bone, ba di direle ditlankana. A re maikaelelo ke gore go tle go kgonwe go dirwa mmepe wa motse oo tla thusang gore batho gore ba kae mafelo bomotlhofo.

Mo go tse dingwe, Rre Lesolebe o ne a tlhalosetsa banni fa ba tlaa bula ofisi potlana ya kabo ditsha kwa motsaneng wa Ramokgonami go thusa ba metsana e gaufi ka ditlamelo le dithuso tsa lephata la kaboditsha. O boletse fa ba solofetse gore ofisi ya teng e simolole go ka dirisiwa ka kgwedi ya Lwetse mono ngwaga.

Fa Modulasetilo wa lephatla la kaboditsha, Mme Bheki Koketso a bua la gagwe, o ne a re thulaganyo e go ipatlelwang diphatlha tsa ditsha e e bidiwang thibang diphotlha e emisitswe go simolola mo letsatsing la Phukwi a tlhola malatsi a le mabedi.

O ne a tlhalosa fa kemiso e e sa ameng ba ba setseng ba ikopetse mo malatsing aa fetileng.

O boletse fa se se tla morago ga go lemoga fa batsadi bangwe ba banka lefatshe ebile ba le beela bana ba bone ba ba botlana kana ba ba eseng ba tsholwe ka gore batho bangwe ba batla go aga go bapa le ba masika a bone fela. O ne a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le setsha gongwe le gongwe kwa a batlang teng mo

Botswana ka jalo go se nne le ope yo o ba thibelang ka go banka lefatshe.

Fa a tsweledisa ka go bua ka bo maipaahela, o ne a tlhalosa a sa kgwe matlhe fa go ikabela lefatshe ele molato o motho a ka o atlholelwang madi aa kanang ka P10 000 le ngwaga mo kgolegelong fa batho ba ba ikabetseng lefatshe ka setlhopha bone ba ka atlholelwa ngwaga mo kgolegelong le madi a a kanang ka P20 000.

O ne a tswelela ka go kgalemela morafhe gore go se ka ga nna le ope yo o ikokeletsang lefatshe, a tlhalosa ka gore lefatshe le motho a le filweng ke ba kaboditsha le felela mo dikgoneng tse ba di tshwaileng.

A re mme le fa go ntse jalo, bangwe ba nale mogopolo wa go agelela ka kwantle ga ditsha tsa bone bare le gone ke ga bone. A re go dira jaalo ke molato o o tshwanang le w abo maipaahela.

E rile mo posolotsong le BOPA, Rre Lesolebe o ne tlhalosa fa go nale melawana mengwe e e kganelang go fitisiwa ga lefatshe mme le fa go ntse jaalo, sebe sa phiri ke gore batho bangwe ba nale metlaela ee tlolang melawana eo mme ba tswelela ka go rekisa lefatshe ka kitso ya gore fa ba dirile jaalo, lephatla la kabo ditsha ga le na go ba sekisetsa mo molaong ope o o amang phitiso ya lefatshe la teng.

O ne a tlhalosa gore go santse go seka sekwa molao wa phitiso ya lefatshe go bona gore go dirwe jang gore batho ba emise go le rekisa.

A re mo nakong ya gompieno, ba leka ka bojotlhe go batla kitso ka ga motho yo o neelwang lefatshe le yo o le nayang.

A re se se ke sengwe sa dilo tse di ka thusang go kganela neelano ya lefatshe.

O tlhalositse fa batswa-kwa ba letlelelwa go nna le setsha se le sengwe mme ebile dikopo tsa bone di sekasekiwa ke tona wa lephatla la ditsha le matlo le ofisi ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jul 2015