Breaking News

Mokgatlho wa Shegotja Molelo o reka koloi

09 Jul 2015

E rile bosheng maloko a mokgatlo wa bomme wa Shegotja Molelo kwa Letlhakeng ba phuthegela kwa kgotleng ya Molehele go supa koloi ya mokgatlho.

Fa a tlhalosa tsamao ya go reka koloi ya mokgatlho oo, modulasetilo wa lekalana la Molepolole la Shegotja Molelo, Mme Gaotsholwe Mosesane o ne a kaya fa madi a ba rekileng koloi ka one, a ne a kolekwa ke maloko. maloko.

Mme Mosesane o ne a tlhalosa fa ba ne ba bonye go le botoka gore ba reke koloi ya mokgatlho e tlaa nnang e dirisiwa ke ba ofisi e tona ya Shegotja Molelo go lekola makalana a Shegotja Molelo a a mo mafelong a mangwe a a kgakala le ofisi e tona.

A re fa go na le koloi go bofefo thata fa koloi e le teng a tlhalosa fa gape koloi eo e tlaa supa fa ba itsaya ka tlhwaafalo e le mokgatlho wa bomme.

Fa a ntsha la gagwe,Tautona wa Mokgatlho oo, Mme Goleba Mokwena o ne a kaya fa maloko a mokgatlho wa gagwe a itsaya ka tlhwaafalo thata ka jalo a ba gwetlha go tswelela ba tshwara mowa o montle oo.

O ne a tswelela a tlhalosa fa a itumelela gape go bo ba na le bagokolodi ba banana mo mokgatlhong wa bone.

O ne a tswelela a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o rile ka ngwaga wa 2013 fa o tlhomamisiwa semmuso ka mokete kwa Letlhakeng, ba ne ba abela mme mongwe wa leloko la bone semausu a lemoga le tirisanyo mmogo ya bone le banka ya Botswana Building Society.

Mme Mokwena o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tsweletse ka go gola ka jalo ba le bantsi ba eletsa go tsena mo mokgatlhong o. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : Letlhakeng

Event : Moletlo

Date : 09 Jul 2015