Breaking News

Monana o akola mananeo

09 Jul 2015

Mananeo a puso a tsweletse ka go inola banana mo lehumeng.

Se, se rurifaditswe ke Mme Katlego Mokgweetsi yo o dingwaga tse masome mabedi le bone wa Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong yo e leng mongwe wa banana ba ba akotseng mananeo a.

Mme Mokgweetsi o boleletse mo potsolotsong go re morago ga go latlhegelwa ke batsadi ka bonana o ne a seka a kgobega marapo mme ka jalo a leka tsela tsotlhe tsa go itshetsa le ba lelwalapa la gagwe.

A re erile go tlhoka go dira sentle ga gagwe mo mophatong wa botlhano a batla ditiro mo madirelong a farologanyeng mme a nna a boloka lemmenyana le a neng a duelwa ka lone.

Morago ga dingwaga tse pedi Mme Mokgweetsi a re o ne a tsaya madi a neng a bolokile go reka dimonamone, nzamele le tse dingwe mme a bula semausu ka jalo simolola kgwebo ya go rekisa.

Go tswakanya itsholelo ya gagwe a re o ne a ya go kopa madi a banana ko pusong mme ka o ne a atolosa kgwebo ya gagwe ka go rekisa dino tsididi, dimotamelomo le tse dingwe mme a dirisa bontlha bongwe ja madi a neng a kopile go simolodisa kgwebo ya dikoko tsa nama le tsa mae.

O ne a kaya gore go simololeng kgwebo e ga gagwe o gwetlhilwe ke go bona letlhoko la ditiro le lentsi mo Botswana segolo bogolo mo bananeng ebile le golela pele ngwaga le ngwaga.

Are go itirela ka diatla go siame ka o supa bokgoni jwa gago ebile o dira selo se o sa se patelediweng ke ope. Mme Mokgweetsi a re kgwebo e ya semausu le dikoko di mo tswela mosola ka a kgona go ithekela molora le go fa ngwana wa gagwe tlhokomelo e ae tlhokang.

Mme Mokgweetsi o ne a tswelela a bua gore le ntswa go na le dikgwetlho di le mmalwa mo dikgwebong tse tsa gagwe ga ipone tsapa go leka ka bojotlhe go batla ditsela tse a ka di fenyang dikgwetlho tse.

A re kgwetlho e tona mo dikgwebong tse ke go phadisanya le bommadikgwebo le borradikgwebo ba ba setseng ba ikadile mme ene o batla ditsela tse di botoka go ka bapatsa dikgwebo tsa gagwe.

Kgwetlho e nngwe e tona ya dikoko ke go swa di le dinnye gape di tlhokana le madi a mantsi go ka busetsa, a nankola jalo a tlatsa ka go re kgwetlho e nngwe ke sekoloto ka Batswana ba rata go tsaya dilwana ka sekoloto ba bo ba nna ko malwapeng a bone ba sa duele ka nako mme se sa baka gore kgwebo e seka ya atlologa sentle

“Go fitlhelela dikgwetlho tse, ke leka ka bojotlhe go bua le bareki bame ka bonolo gore ba seka ba nna lebaka le letelele ba sa ntuele,ke ba lebisa le mabaka a gore kgwebo e ke yone e njesang, ga e sa tsamae sentle ke mo kanang ke sule.

Gape le dikoko ke di baya ga go phepha go itsa malwetse a masesane le go di rekela melomo ya teng,” ga bua Katlego,” a tlhalosa ka botlalo.

O ne ga pe a kgotlhatsa banana gore ba tlogele go ikaega ka batsadi/batlhokomedi ba bone fela mme ba eme ka dinao ba itirele ka diatla tsa bone gore ba nne le bokamoso jo bo atlegileng.

O ne a ba gakolola gore ba ikgaphe mo diritibatsing le majalwa ka di baka borukhuthi gape di ka ba senyetsa bokamoso.

“Banana emang ka dinao le tsee mananeo a goromente le itshimololele dikgwebo, lesang go nna ka matsogo a lona le a dirise le supe bokgoni jwa lona le tle le nne le bokamoso jo bo tlhapileng,” ga akgela Mme Mokgweetsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Atlasaone Onkemetse

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2015