Breaking News

Ga ba robatswe ke borukutlhi kwa Borotsi

08 Jul 2015

Baithaopi ba sepodisi kwa Borotsi mo kgaolong ya Tswapong ba re ba tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi se se tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa bone.

Moeteledipele wa baithaopi bao Rre Setlalekgosi Kelebogile, o supile matshwenyego a jaaka ba ne ba buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.

Rre Kelebogile a re borukutlhi jo bo kwa godimo ke jwa go thujwa ga matlo le marekisetso le bogodu jwa leruo. A re gantsi matlo a a thujwang ke a a tsayang nako e ntsi beng ba one ba se mo go one.

O ne a bolela gore mo nakong ya gompieno go na le matlo a le masome a mane le borataro mo motseng wa gagwe a ba lemogileng fa go tsaya nako go sena ope mo go one mme a kopa beng ba one gore fa ba tsamaya ba a laele ba masika le baagisanyi.

Rre Kelebogile o kopile ba ba nnang gaufi le malwapa ao gore le fa ba sa laelwa ba tsee boikarabelo fa ba bone seemo se se sa tlwaelesegang ka go ba begela.

A re batho ba latlhegelwa ke dithoto tse dintsi ka ntlha ya go thubelwa a ba a gakolola setshaba go somarela bosupi go itsa madiadia mo ditlhotlhomisang.

O ne a tswelela ka gore borukutlhi jo bongwe ke jwa botho jo bo sa eletsegeng mo setshabeng jo gantsi bo diragalang kwa marekisetsong a majalwa a a titielwang mo malwapeng.

Fa a mo tlatsa, mogakolodi wa baitlhaopi ba sepodisi Constable Warren Majumane go tswa kwa Chadibe, o ne a supa fa bagwebi ba majalwa a a dirwang mo malwapeng ba sa obamele melao ya thekiso.

Rre Majumane a re modumo wa diletso o o tsoswang kwa mafelong a go rekiswang majalwa ao kwa go one le one ke kgwetlho. A re le fa ba tsweletse ka go atlhola badiramelato, seemo se ntse se tswelela fela.

Constable Majumane o ne a tswelela ka go supa fa borukutlhi ja bogodu jwa leruo bo sa laolesege. O ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone thata le go le itse.

A re go na le barui bangwe ba ba beileng sengwe le sengwe mo badiseng mme a ba gagokolola gore modisa ke motho yo o kgonang go dira se a se batlang fa a lemoga gore mong wa leruo ga a kelotlhoko mo leruong la gagwe.

Constable Majumane o ne a kopa setshaba go tshwaraganela le bone ntwa e ba e lwang kgatlhanong le borukutlhi. A re motse wa Borotsi o monnye mme borukutlhi jo bo diragalang mo go one bo kwa godimo. O rotloeditse banni ba Borotsi go tsosolosa lenaneo la ntebele ke go lebele.

A re fa lenaneo la ntebele ke go lebele le diriswa sentle le dira bontle fela thata. O ne a rotloetsa banni ba Borotsi go emela motse wa bone ka dinao gore dilo di apare tshiamo.

Kgosi Israel Thabakanaka wa Borotsi o ne a supa fa a ngongoregela go ngodiega ga morafe fa ba bilediwa diphuthego tsa mofuta o.

A re bone ba ba sa tseneng diphuthego tse, ke bone ba e reng ka moso fa matona a puso a tsile go buisa diphuthego ba bo ba ba begela dikgang tse di kabong di sa bolo go rarabololwa ke bogogi jwa motse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Borotsi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Jul 2015