Breaking News

Ba tshegeditse katlego ya 2016

09 Jul 2015

Puso ya lefatshe leno e ipeetse seelo gore ka ngwaga wa 2016, Batswana lefatshe ka bophara e bo e le tshaba e e rutegileng gape e na le kitso e e nitameng e le maleba. Puso e bile e tsweletse ka go dira ka gotlhe go tla ka mananeo a a ka rotloetsang katlego ya seelo se.

Bangwe bagolo ba motse wa Makobo mo kgaolong-potlana ya Tonota, ba tsweletse ka go ema katlego ya seelo se nokeng le gone gore ba se salele morago tebang le go nna le lesedi la thuto ka jaana ba tsena thuto ga-e-golelwe.

Bagolo ba ke Mme Gaboipolelwe Tshwenyego yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe, Mme Tshekiso Ntoba yo o dingwaga tse di masome a robabobedi le borobabobedi ga mmgo le Mme Agnes Jase yo o dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano.

Mo potsolotosng le BOPA, mme Tshwenyego a re o ne a ikitaya ka thupana go tsena thuto ga-e-golelwe morago ga go itemogela fa lesedi la thuto e le sengwe se se botlhokwa mo botshelong bogolo thata mo malatsi a segompieno.

Mme Tshwenyego a re o simolotse dithuto ko ga-e-golelwe ngwaga o o fitileng mme a tlhalosa fa lesedi le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe, a re thuto e ka fa motho seriti gape e ka thusa motho go boloka sephiri sa gagwe.

Mme Jase le ene o supile fa a itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo, le ene a re ka lesedi le a setseng a le amogetse le mo direla dilo motlhofo ka jaana o setse a kgona go itirela mokwalo wa gagwe gope fa o tlhokegang teng a sa  kgarakgatshege.

Mme Ntoba le ene a re ntswa a itemogela dikgwetlho di le mmalwa tebang le go ithuta go bala le go kwala o setse a godile, se ga se na go mo kgoba marapo go diragatsa toro ya gagwe ya go bona lesedi la thuto.

Morutabagolo Mme Hwisiso Moffat o tshwaetse fa bangwe bagolo ba supa fa ba nyoretswe go itse go bala le go kwala.

A re go setse go na le bagolo ba le lesome le botlhano ba ba mo ga-e-golelwe mme botlhe ba tlhaga ka tiro ya bone.

Mme Moffat a re dithuto tsa ga-e-golelwe di simolola motshegare ka jalo, seo se fa bagolo tiro ya go ka tsweledisa ditiro tse dingwe tsa mo gae mo mosong.

A re ntle le go bala le go kwala, bagolo ba fiwa sebaka sa go rutana ditiro tsa diatla di akaretsa go roka, go loga,go betla le tse dingwe ka go farologana.

Mme Moffat a re go botlhokwa gore bagolo le bone ba se salele kwa morago, a re le ntswa ba ka se tshware gotlhe,go molemo gore le bone ba nne le lesedi tebang le go bala le go kwala.

A re pilara ya letshego la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso ka 2016 e akaretsa le bone gore e bo ba tlhaloganya sengwe gape gore pilara e e ka atlega fela fa ba ka se ikgogele kwa morago. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Makobo

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2015