Ba rotloediwa go nna pelo telele
08 Jul 2015
Mookamedi wa Ofisi ya Banana, Motshameko le Nngwao mo Bokone Bophirima o gwethile banana go nna pelotelele gore ba kgone go akola mananeo bogolo jang le le fang banana tshono ya kgwebo la Youth Development Fund.
E rile a bua kwa phuthegong tsa go isa ditirelo kwa magaeng e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Molaodi ya Maun, Mme Gladys Kelebemang a supa fa go sena banana ba ba tsereng lenaneo leo mo motseng wa Phuduhudu.
Mme Kelebemang o ne a re banana bangwe ba fela pelo fa ba nna ba busiwa ke ba ofisi ya Banana gore ba baakanye dikopo tsa bone kgotsa ba ise dilo dingwe.
O tlhaloseditse banni ba motse oo fa go dira jalo go baya banana ka fa mosing, a re ba ofisi ya gagwe ba busa banana kgapekgapetsa e le tsela ya gore dikopo tsa bone di atlege kwa pele, eseng go ba kgoba marapo.
Mme Kelebemang o buile a kopa banana ba motse oo go tsenelela mananeo a Tirelo Sechaba, Graduate Voluntary Scheme(GVS) le InterNship go ithusa mo matshelong a bone ba direla puso mo nakong e tshwang.
Modiredi go tswa ofising ya Economic Planning kwa Khanseleng ya Bokone Bophirima Rre Thabo Morapedi o ne a gakolola banana go dirisa ditlamelo tsa ba ofisi ya Local Entreprise Authority(LEA) go ikatisa ka tse di tlhokafalang mo go tsa dikgwebo.
Rre Morapedi o ne gape a tlhalosetsa banni ba Phuduhudu fa go nnile le tiego mo mananeong a nyeletso lehuma ntlha ya gore ba ba neng ba tshwanetse go ya ithutuntshong ga ba a dira ka dikolo di ne di tletse mo Maun mme ba batelwa diphatlha kwa ntle ga Maun.
Mothusa Molaodi mo Maun Rre Mogomotsi Madome o ne a supa fa phuthego tseo e le tsela ya go isa ditlamelo kwa bathong le go araba dilelo tse di neng di ntshitswe ke banni mo nakong e fetileng.
Diofisi tse di akaretsang tsa Banana le tsa Ikwadiso ya Matsalo le Dintsho di ne di iseditse batho ditlamelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya go isa ditirelo kwa magaeng
Date : 08 Jul 2015






