Tshwaragano e tlisa maduo a a eletsegang
09 Jul 2015
Tshwaragano ya batsadi, barutabana le bana e tlisitse maduo a mantle kwa sekole se sebotlana sa Matlhakola, seo se ba baya mo maemong a bobedi, dikole dile lesome le boroba bongwe tsa kgaolo ya Lerala/Maunatla diiteisana borathana ka dikgaisano tsa madu ngwaga le ngwaga fa esale ka 2009 go lwela maemo a ntlha,bobedi le boraro.
Mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele one a aba P2 000.00, a mo abela sekola sa Matlhako gore se bo sekgonne go bone maemo a bobedi mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ele lantlha fa gosale go simolodisia dikgaisano tseo.
Sekole sa Matlhako sena sa bone 86.9% mo go gofenyeng mo maemong a ACB, fa maemo a ntlha a a gapiwang ke sekole se se botlana sa Moeng ngwaga le ngwaga a ntse aile Moeng, maemo a boraro a bonwe ke Ratholo.
Erile a rola madi ao mopalamente Rre Maele are o bona kgang eo ya go abela dikole madi a thusa thata mo kgaolong ya gagwe ka barutabana ba tiisitse, go lwela gore le bone ba a bone kwa dikoleng tsa bone seo se bo sethusa gontsha maduo a a botoka,
Rre Maele one are o lemoga sentle fa madi ao ale mannye fela thata mme kgang ke gobatiisa mooko le go barotowetsa gotokafatsa maduo.mme one a leboga thata tshwaragano ee teng fa gare ga barutabana, batsadi le bane. One gape are o itumedisiwa ke go bona barutabana ba sekole seo basupa difatlhego tse di wedileng le monyenyo, are mo ke sekao sa tirasano mmogo le tshwaragano ya boeteledi pele ja sekole le badirei ka ene.
Ene erile gole pele mo mafokong a a gagwe a kamogelo, mogokgo Mme Molly Madikane, a tlhalosa fa sekole sa gagwe ele sa group 3, sele mo setlhpeng sa ntlha, ka bana bale 301, barutabana le bodiredi bala 19, mme se simolodisitse mphato w aba baying gosimolola sekole ngwaga o o tlang (Pre School Class). One a lekodisa mopalamente gore bone batsogile sentle.
Mme Madikane one are ba simolodisitse komiti ya boitlhapo e batsenyang letsogo mo setshbeng kgwedi lkgwedi go a belana se ba nang lesone kgwedi le kgwedi le bao ba ba sakgoneng diemo tsa biotshelo, e katswa ele mogolo kana bana kwa motseng le gone mo sekoleng tota.
Mopalamente Maele one a ba a kgola thata abo a bafa dikobo dile masome a mabedi gore banne ba dineela bao b aba bonang dibatshwanetse.
Mo boemong ja baithuti Amantle Kgare one are ba lesego thata ele ban aba kgaolo ya ga Rre Maele ka gonna le motho yoo o tshwengwang ke thuto ya bone le maduo , mme a solofetsa fa le bone ele bana baya goikitaya ka thupana gore ba seka ba swabisa barutabana, batsadi le ene mopalamente.
Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Palapye Administrative Authority, Mme Susan Thitiyamore klne a antshe lefoko la kgotlhatso ka setlhogo se sereng “BOINEELO” one a kgothatsa bana boineela mothutong, fa barutabana bone badirafatsa maikemisetso a bone a gothusa baithuti go kgona go ithuta.
Batsadi bone batshwanetse go betela bana tsela ya bokamoso ja thuto ya bone, le go ba ema nokeng, one are gape baka ka kgona gofetolelel ditsholofetswe go nna nnete. Are batshwanetse ba ntsha phega basupa maikaelelo a bone mo thutong ga mmpogo le gone gonna godira gore nako enne teng fa e seyong teng gore banne le phithelelo ya sennela ruri
Kgosi ya motse Rre Sekolomane Mothobi one a leboga tshwaragano ya morafe le bodiredi ja sekole are ba dira tiro e ntle thata, one gape are thotowetso ya thuto e botlhokwa that mo baneng le mo go bone barutabana ka batiisa moko, segolo jang fa ba bona mogolo a ba eme nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : LERALA
Event : Letsatsi la go ipelela maduo a sekole
Date : 09 Jul 2015






