Kompone Servest e thapholotse letsogo
08 Jul 2015
E re le ntswa dikgwetlho tsa botshelo di tsweletse ka go golela pele,go santse go na le dikompone dingwe tse di ikiteileng sehuba go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.
E ne bosheng a beke kompone e e tlhokomelang kampa ya moepo wa Jwaneng, ya Servest Integrated Solutions ya etela bana ba Lamodimo Charitable Organisation ko Sese go ya go ba abela malao a le masome a mabedi ga mmogo le go teratelela bonno jwa bone.
Bonno joo ke jwa bana ba ba dikobo dikhutshwane jo bontsi jwa batsadi ba bone e leng bomaaipaafela ko motseng oo, ga mmogo le go dikologa toropo ya Jwaneng.
Go ya ka mogolwane wa kompone eo Rre Bradley Hall,ba simolotse botsalano le batlhokomedi ba bana bao ka ngwaga wa 2012, mme ngwaga le ngwaga ba ba direla moletlo wa dijo ka malatsi a botsalo jwa Morena.
O ne a tlhalosa gore dimpho tse ba di ntshitseng ke maiteko a go fa bana bao seriti sa lelwapa le tlhokomelo e ba e tlhokang. Are botsalano jwa bone bo tlaa tlisa tse dikgolo mo isagong ka ba ikaelela go thusa mokgatlho oo ka kago ko setsheng sa bone,gone ko Sese.
E rile a lebogela dimpho tseo,Moeteledipele wa mokgatlho oo, Rre Gomotsegang Ganetsang a tlhalosa fa kompone eo e dira go tlala ka diatla,ka e rile bosheng ya ba fa malao a mangwe a le masome a mabedi gape.A re kompone eo gape e ba tlisetsa metsi gararo mo bekeng gone ko motseng oo gore a kgone go apeela bana ba ba ka tshwarang masome a marataro ka palo.O ne a lebogela dimpho tseo, a supa gore o di kgobokanyetsa golo go le gongwe mme di tlaa tsena mo tirisong ba sena go nna le kago ko setsheng sa mokgatlho oo.
E rile mo dingwageng tse di fetileng, bogogi jwa toropo ya Jwaneng jwa tsaya tshwetso ya go ntsha bo maipaafela bao mo toropong go sutela madirelo,mme ba ne ba ya go ipaya gape ko motseng wa Sese dikhilomethara di le lesome go tswa mo toropong ya jwaneng, ga mmogo le mo sekgweng se se bapileng le terata ya Jwaneng.
Rre Ganetsang le mohumagadi wa gagwe Mme Collen Ganetsang ba ne ba ngomolwa pelo ke seemo sa bana ba ba bo maipaafela ba ba gobeyang mo marekisetsong a toropo ya Jwaneng ,ba a ja mo ditankeng tsa matlakala, ebile ba sa tsene sekolo.
A re bana bao ba ne ba tlhalosa fa ba sa kgone go ya sekolong ka ba sena ditlamelo tse di akaretsang dijo le paka ya sekolo, mme ba ya go ba kopa semmuso ka thuso ya bo mmaboipelego. O ne a tlatsa ka gore bana bao ba ka tshwara masome a marataro(60) mme ba tsena sekolo mo Sese le ko sekolong se segolwane ko Jwaneng.
Rre Ganetsang are ga go motlhofo go tlhokomela palo e e kalo ya bana, ka jalo ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba nne le batsadi ba bone ko mekhukhung e e anameng le naga ya Sese ,mme ba tle go tlhapa le go ja ko go ga gagwe mo mosong pele ga baya sekolong ga mmogo le fa sekolo se tswa .
A re mo bo gompienong ba kopa dithuso tsa dijo,diaparo le metsi mo bathong gore bana bao ba kgone go ya sekolong.
O ne a kopa sechaba le bagwebi go ba thologa mokgosi gore ka ngwaga wa 2016 re bo re nale tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso ka jaana bana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore ba kgonne go kwadisa mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Lamodimo Charitable Organisation ba bo ba fiwa setsha gone ko motseng wa Sese, mme se tlhoka go agiwa gore ba se tsenye mo tirisong.
O ne gape gwetlha puso go tsenya letsogo mo go tlhokomeleng tshaba eo ya kamoso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : JWANENG
Event : Kabo dimpho
Date : 08 Jul 2015






