Kgosi o rotloetsa mananeo
07 Jul 2015
Kgosi Mmoloki Tshabisa wa Lepashe mo kgaolong-potlana ya Tutume a re ntswa puso e tsweletse ka go gorosa mananeo ka go farologana mo bathong go supa fa bangwe ba sa ntse ba sa kgone go ka ithusa ka one.
Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA a tlhalosa fa bangwe banni ba motse ba tshelela mo seemong se se sa kgatlhiseng mme ba supa keletso ya go ka ikopela dithuso.
A re mangwe mabaka a banni ba a bolelang ke gore motse wa bone o kgakala le ditlamelo gape ba se na kitso e e kalo tebang le one mananeo a.
A re bangwe banana le bone ba supa fa ba retelelwa ke go ka ikopela madi a banana a go itshimololela dikgwebo ka jaana ba re mmaraka o ko tlase gone mo motseng.
Kgosi Tshabisa o rotloeditse gore ntswa motse wa Lepashe o le kgakala le ditlamelo se e seka ya nna sekgoreletsi gore batho ba ka akola mananeo.
A re go botlhokwa gore banni ba motse ba ikopele mananeo a a ka dirang sentle mo tikologong ya Lepashe a fa sekai ka mananeo a a akaretsang a thuo ya dihutshane le a mangwe a temo-thuo.
Kgosi o bile gape a tlhalosa fa mmaraka o ka nna teng fa banni ba ka se tlhophe mananeo a a tshwanang gape a re le bone beng ba mananeo ba tshwanetse go ikitaya ka thupana ba batla ditsela tsa go bapatsa dithoto tsa bone mo metseng e e gaufi.
A re bangwe ba setse ba sa dire ape maiteko ba beile fela gore jaaka ba filwe dithuso, puso e tlaa rwala gape boikarabelo jwa go tsamaisa le go tlhokomela dithuso tseo. A re dithuso tsa puso ke go dira moalo gore go nne motlhofo go ka simolola lenaneo kgotsa kgwebo.
Kgosi Tshabisa o bile a supa gape fa a sa jeswe diwelang ke bontsi jwa banana ba ba tsweletseng ka go tsena lenaneo la Ipelegeng ka dipalo tse di kwa godimo.
Kgosi o supile fa a se kgatlhanong le Ipelegeng ka gope fela a re go botlhokwa gore banana ba dirise madi a banana ka jaana ba ka itirela ditiro tsa sennela ruri.
Kgosi Tshabisa o bile gape a gakolola gore ba sekaseke go dirisa lenaneo la BOCODOL ka jaana ba ka kgona go tsweledisa dithuto tsa bone ba ntse ba tsweletse ka ditiro tse dingwe mo gae.
A re bangwe gape ba santse ba nyafalalela mananeo ka jaana ba re a dirwetswe bagodi ba ba senang sepe sa itshetso.
Kgosi o tlhalositse fa mananeo a diretswe go thusa ope Motswana yo e leng gore seemo sa botshelo jwa gagwe se ko tlase a tlatsa gape gore maikaelelo a bone ga se go tlontlolola ope jaaka bangwe ba akanya. A re one mananeo a bangwe ba a nyafalelang ke one a ka thusang go gorosa ditlamelo le ditlhabololo mo motseng fa a ka tsewa ka tlhwaafalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Lepashe
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2015






