Bagwebi ba kgothadiwa go tia moko
07 Jul 2015
Modiri wa lekalana la CEDA go tswa kwa Gaborone Rre Moemedi Gaoforwe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana ba kgaolo-potlana ya Mahalapye go tia moko mo dikgwebong tsa bone.
Rre Gaoforwe o buile mafoko a kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Mahalapye ka fa tlase ga setlhogo se se reng kitso le botsipa ja ditsatlholego konokono ya go nyeletsa lehuma bosheng.
Rre Gaoforwe o tlhalositse gore e re matshelo a batho a tlhabologa jaaka puso e eletsa, Batswana ba tshwanetse go nna le se ba ka se dirang go itshetsa gore ba tswe mo lehumeng.
A re dikgwebo tse di potlana di supile fa di di goga ko pele mo dikgwebong ka bontsi bo inaakantse le tsone, ka jalo Batswana ba tshwanetse go di tsaya ka tlhwaafalo.
Rre Gaoforwe o ne a kgothatsa bagwebi go tsena mo dikgwebong tse ba di ratang ka lorato e le lone le le ka ba kgothatsang fa kgwebo e sa dire sentle go na le go dira kgwebo e ba tsayang gore e tlaa tsenya madi ka bonako mme o sena lorato mo go yone.
A re go le gantsi dikgwebo tse di phunyeletsang ke tse di simolotseng di gwetlhilwe ke lorato mo mogwebing ka maikaeleloo a go intsha bodutu mme e re di fetogela mo go ka nneng kgwebo di kgone go itshetlela mo dikgwetlhong tse di di ralalang.
O ne a ba gakolola go nna le dibuka tse di tlaa supang motlhala wa dikgwebo tsa bone gore ba itse fa ba bona dipoelo, go kgona go di ntsha e le sesupo fa ba setse ba kopa dithuso tsa madi mo dipolokelong le gone go itse paka e kgwebo e dirang sente le e e sa direng sentle.
O tlhalositse fa ba lekana la CEDA ba ikiteile sehuba go ema bagwebi ba ba botlana nokeng ka go ba adima madi a a simololang ka makgolo a matlhano a dipula a ba a tlhokang go oketsa dikgwebo tsa bone gore di gole di kgone go phadisanya le tsa lefatshe ka bophara.
Rre Gaoforwe a re gantsi bagwebi ba kgobiwa marapo ke ditselana tse ba tshwanetseng go di sala morago fa ba kopa madi go tshwana le ya go tsisa sesupo sa ka fa o tlaa tsamaisang kgwebo ka teng.
O ne a tlhalosa fa tsamaiso e bontsi bo e tshaba ba tsaya gore e batla bo maitseanape mo go tsa kgwebo mme e motlhofo ka mogwebi a supa fela ka fa a tla a tsamaisang kgwebo ya gagwe ka teng.
E rile a fa bagwebi ka ene bopaki, Mme Kgalalelo Shoshong yo o itshetsang ka go roka a bua fa a godile a batla go nna moeteledi pele mo tirong mme toro ya gagwe ya fetoga boammaaruri.
Mme Shoshong a re kgwebo e ya gagwe, e fetotse botshelo ja gagwe ka gompieno a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
Fa a mo tlatsa Mme Keeme Sesoma yo ene a itshetsang ka go apaya a tlhalosa fa a kgonne go ikagela ntlo.
Mme Sesoma a re o kgonne fela ka go boloka madi mme gape a feletsa a itheketse dipodi.
Ditshupo tse di ne tsa konotelelwa ke kabo ya ditlankana mo go ba ba dirileng sentle go ya ka ditlhophana tsa dikgwebo tsa bone go akaretsa baroki,babetli, babopi le ba ba dirisang tse di sa tlholeng di le mo tirisong go dira ddirisiwa tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mahalapye
Event : Ditshupo
Date : 07 Jul 2015






