Go itshidila mmele go tokafatsa botsogo
07 Jul 2015
Modulasetilo wa komiti ya tsa itshidilo mmele le botsogo mo lephateng la pereko le tsa selegae Mme Bagelele Kentshwang o rotloeditse setshaba go itshidila mmele le go nna ka botsogo jo bo itumedisang gore matshelo a bone a atlege.
Mme Kentshwang o buile mafoko a, mo moletlong wa itshidilo mmele le botsogo o rulagantswe ke ba lephata leo mo Mahalapye bosheng.
Setlhogo sa letsatsi leo se ne se re ‘botsogo le boitekanelo boremelelo jwa katlego.
A re go itshidila mmele go molemo ka go fa maatla, le boitumelo mo tirong le mo lwapeng.
O ne a tlhalosa fa mmereki yo o nang le botsogo jo bo itekanetseng a ka bereka ka manontlhotlho le bonokopile go ntsha maduo a mantle mo tirong.
Mme Kentshwang a tlhalosa gape gore moo, go tsisa pholo mo mmeleng, go na le mosola mo botsogong ja tlhaloganyo le maikutlo a motho, go tokafatsa botsogo ja makgwafo le go fokotsa malwetse a khupelo.
Le ntswa moletlo o o tshwarwa ngwaga le ngwaga, modulasetilo a re ba kgotlhadiwa thata ke ka go na le malwetse ka teng gompieno, a tlatsa ka gore bontsi jwa malwetse a bo ka fokotswa ke go itshidila mmele.
O tlhalositse fa botsogo jo bo itumedisang bo sa tliswe fela ke dijo tse di itekanetseng, go itshedila mmele go na le seabe se se tona thata mo botsogong jwa motho.
A re botsogo jwa motho bo simolola ka ene a le esi, a re gore motho a itekanele o tshwanetse go nna le maikaelelo a motia mo go tsa itshidilo mmele.
O ne a supa fa go ka mo itumedisa le ba komiti ya gagwe fela thata fa mongwe le mongwe a ka nna le botsogo jo bo tokafetseng.
Mme Kentshwang o boletse fa a na le tsholofelo ya gore setshaba se tlaa simolola go tsaya ka tlhwaafalo mosola wa go itshidila mmele ka ba tsere ka tsoo pedi thuto ka tsa itshidilo mmele.
O ne a tlhalosa gore moletlo oo, o simolotse ka mogwanto wa dikhilomithara di ferabobedi, mme a na le tumelo ya gore ba tsaya karolo ba tlaa ya go robala ka mmele o o sidilegileng. Modulasetilo o ne a akgola setshaba go bo ba iphile matsapa a go tsaya karolo mo moletlong o.
Mo godimo ga moo a re mo go itumedisang ke go bona mongwe le mongwe a itshidila. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Faonaya Gasegaope
Location : Mahalapye
Event : Moletlo wa itshidilo mmele
Date : 07 Jul 2015






