Breaking News

Rappelspan e itumelela kgokelo ya motlakase

07 Jul 2015

Banni ba Rappelspan mo kgaolong ya Kgalagadi borwa ba tletse boitumelo morago ga gore motse wa bone o gokelwe motlakase. 

E rile a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, mokhanselara wa Rappelspan/Vaalhoek Rre Phillipus Morerwa o boletse ha kgokelo ya motlakase e le tlhabologo e e amogelesegileng mo kgaolwaneng ya gagwe. 

A re motlakase ke selo sa botlhokwa mo matshelong a segompieno ka dilo di le dintsi di berekisa motlakase.

“Mo malatsing a segompieno le dithuto tse dingwe jaaka tsa maranyane di tlhoka tiriso ya motlakase ka jalo dikolo di tsile go kgona go ruta bana ka botlalo mo dithutong tsa go nna jalo,” ga bua mokhanselara Morerwa.

Fa a tswelela, mokhanselara o ne a tlhalosa gape gore se se tsile go thusa go tlhama ditiro. “Banana le botlhe ka kakaretso mo motseng jaanong ba na le tshono ya go itlhamela ditiro jaaka go bula madirelo a go beola le go dira meriri ya batho le go nosetsa ditshipi.” 

Mongwe wa banni ba motsana wa Rappelspan ebile e le mogwebi, Mme Piet Van Neel a bolela fa kgokelo ya motlakase e tsile go tlhofofatsa tsamaiso ya kgwebo ya gagwe fela thata.

O tlhalositse fa a gweba ka go dira dikuku tsa mediro jaaka manyalo. 

“Pele ga re gokelelwa motlakase ke ne ke dirisa setofo sa gase ya lebotlolo mme ke lemogile fa tiriso ya sone e le turu go gaisa fa o dirisa setofo sa motlakase.”

O tladitse ka gore sale a gokelelwa motlakase o kgona go dira dikuku di le mmalwa ka letsatsi go na le nako ya a santse a dirisa gase ya lebotlolo. 

“Gase ya lebotlolo e turu ka jalo ke ne ke sa kgone go apaa dikuku ka nako tsotlhe, mme sale motlakase o gokelwa ke kgona go di apaa ka nako nngwe le nngwe hela ha ke amogetse dikopo tsa tsone mo bathong.” 

Mme Naledi Witbooi o ne a tlaleletsa mo mafokong a ga mme van Neel a bolela fa ba itumetse fela thata ka se se tsile go tlhofofatsa matshelo a bone ka tsela tse dintsi tse di farologaneng. 

“Motlakase ke selo sa botlhokwa fela thata mo malatsing a segompieno ka didirisiwa ka bontsi di tlhokana le one”, ga bua Mme Witbooi a tlatsa ka gore dilo di tshwana le setshwantsho sa motshikinyego.

“Re tlaa simolola go lebelela setshwantsho sa motshikinyego mme re ithute a bo re bone ka tse di diragalang mo lefatsheng la rona le mafatshe a a mabapi,” ga tswelela mme Witbooi.

Rre Modisaotsile Wabatsima ebile e le moeteledipele wa tsa kgokelo motlakase ko Tsabong o ne a tlhalosetsa pampiri ya BOPA ha ba setse ba goketse motlakase mo malwapeng a le mmalwa ko Rappelspan. 

“Re setse re tshubile malwapa a le mmalwa gammogo le matlo a sekolo se se botlana sa Rappelspan Primary School,” ga bua Rre Wabatsima. 

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gone ga nna le dikgoreletsi mo kgokelong ya motsana o a tlatsa ka gore jaanong tsotlhe di apere tshiamo ebile ba solofetse go feleletsa kgokelo mo motseng otlhe mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kedidimetse van der Westhuizen

Location : RAPPELSPAN

Event : Potsolotso

Date : 07 Jul 2015