Monana o itshetsa ka thuo ya dinotshi
08 Jul 2015
E re ka lefatshe leno le tsweleltse ka go itemogela kgolo ya letlhoko la ditiro,banana bangwe ba bone go tshwanela gore ba seka ba nna ka diatla tsa bone,ba ithele metsi mo ganong.
Mongwe wa banana bao ke Rre Alfred Kedisang , yo o itshetsang ka thuo ya dinotshi go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Rre Kedisang yo e leng monni wa toropo ya Jwaneng ebile ele monana, a re o ne a anywa botsipa jwa thuo ya dinotshi fa a ne a bereka mo lephateng la temo thuo mo lekalaneng la temo ya morogo le thuo ya dinotshi ka ngwaga wa 2011 go fitlha 2013.
O boletse fa a ne a nna le lenyora la thuo e ya dinotshi mme nna le maikaelelo a go itshimololela thuo ya gagwe.
A re dinotshi tse a di ruileng, ke tse a di utlwalelang di tshwenya banni ba toropo mo malwapeng a bone le tse di kgoreletsang babereki ba koporase ya metsi ya Water di le mo meseleng.
A re mo nakong eno kgwebo e tsamaya sentle ka a rekisetsa setshaba fela ka kakaretso lone lomepe le le botshe la dinotshi.
O tlhalositse fa a santse a tlhaelelwa ke didirisiwa tse a ka godisang kgwebo ya gagwe go ka rekisetsa dikolo, mabentlele ga mmogo le dikokelo ka botshe jo jwa dinotshi bo tlhokafala mo botsogong jwa batho.
A re botshe jo jwa dinotshi bo ka dirisiwa go alafa malwetsi a tshwana le jwa pelo, diphilo, sehuba le mathata a go tlhoka pelegi.
Le fa gontse jalo Rre Kedisang a re o na le dikgwetlho tsa go tlhoka lefelo le le siametseng thuo ya dinotshi ka jaana mo nakong eno a ruetse mo gae.
A re letlhoko la koloi go tshwara dinotshi a di fudusetsa kwa a di ruetseng teng le yone ke nngwe ya dikgwetlho tse a nang natso, selo se se bayang kgwebo ya gagwe ka fa mosing.
Are le fa go ntse jalo ga a ipone tsapa ka a santse a emetse go kopa dithuso kwa go ba ofisi ya banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Vivian Tebelelo
Location : JWANENG
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2015






