Breaking News

Kgotlelesego ya tikologo e borai

08 Jul 2015

Kgosana Otsile Ketshotseng wa kgotla ya Maenjani mo motseng wa Tutume, o buile a sa kgale mathe ka matlakala aa kgotletseng motse oo, a remeletse thata mo kgotleng ya gagwe.

O buile seo mo potsolosong le ba motswedi wa dikgang wa BOPA. A re leswe le le tikologong eo le ngomola pelo.

Kgosi Ketshotseng o supile diemo ditswana le metseto ya bana e e latlhiwang, mantle a dintsa le mesangwana ya bomme. 

A re matlakala latlhelwa gongwe le gongwe, o tswelela ka gore seemo se bifisa tikologo morago ga moo se fetole tebego ya motse mme gape go kgotlele le phefo ka nako tse dingwe.

Kgosi o tlhalositsegore ga seemo se sa emelwe ka dinao se tla tsisa ditlamorago tse di tla tsenyang batho, diphologolo le dimela mo diphatseng.One a bua ka tshakgalo mabapi le palo e e tsitsibanyang mmele ya dintsa tse di sailing mo mebileng ya motse di sena beng.

 Kgosi o tlhalositse fa dintsa tse di ithomela gongwe le gongwe, a re ntleng le moo dintsa tse di apesitse banni kobo ka letshoba ka di ganyaola leruo. 

A re kana ntsa jaaka seruiwa sengwe le sengwe di nale mosola mo setshabeng mme di tshwanetse go tlhokomelesega.

Kgosi o kaile fa dintsa tse di dira tiro e ngomolang pelo ka mabaka a gore ga ditlhokomelesege gape ga dina sepe se di ka itshetsang ka sone. 

A re mme bontsi jwa dintsa tse ga di a kentelwa malwetsi a dintsa jaaka molafo. 

O tswelela ka gore mo segompienong malwetsi a mantis gape a bakwa ke dilo tse dintsi, a re o kopa banni go nna majato ga go tsena mo tlhakoreng ya tsa botsogo jwa bone le bana gore ba kgone ba atlege jaaka setshaba se se kgathalang gape se tlhokomela bangwe ka bone. 

Fa a motswa kgaba Kgosi Brown Tshosa wa kgotla ya Marupe teng mo motseng wa Tutume one a lela sa masisa pelo ka borukuthli jo bo robatseng banni ba motse wa Tutume.

Kgosi Tshosa a re balemi le barui ba setse ba tshaba go ya go lekola leruo le masimo a bone k aba begile fa go nale dirukutlhi tse di ba emalng mo tseleng go ba thukutha, morago ba tseye dilwana tsa bone. 

A re mo dikgetsing dile mmalwa ba itemogetse gore tore tse di duleng mo tseleng tse di dirwa ke batswakwa. Kgosi ar re morafe o tlhalositse fa dirukutlhe tse ka bontsi jwa nako di nna di ipapanne ka dibetsa tse di borai. 

A re banni ba tlhalositse fa ba setse ba boifela matshelo a bone.

Kgosi a re ntleng le moo bana ba tswa batsadi diatleng ba alolane le diritibatse le dinotage. 

A re o sebete se molangwana ka menate le medumo e e mentsi e ban aba e ratang, mme ditlamorago e nne tse di swabisang.

 O tlhalositse fa banana ba iphitlhela ba le mo mathateng ka ntlha ya metsamao e mesesanyane. 

A re banana ba se gompieno ba tlotlile go metsa bas a tlhafuna mme e re ba betwa batsadi e nne bone ba amegang. One a gatelela gore se ga se yone tsela ya go baakanyetsa isago.

Go sale foo one a bua gape a sa kgale mathe ka majalwa aa direlwang mo malapeng go sena tetla go tswa ko go ba puso. Kgosi Tshosa a re majalwq aa baka ditlamorag tse di sa kgatlheng. 

O kaile ditiragalo di tswana le dintwa tse di masisi, go tlogela melemo ga bao ba tshelang ka melemo. 

A re majalwa aa itirelwang mo malwapeng a diphatsa mo go senang kutlwelo botlhoko ka e bile bangwe ba nwela fela mo tlaleng.

One a re tse di dirwa ntleng le kitso y aba molao, gape bao ba ba mabapi bas a tsibose ba molao. 

Kgosi one a re o kopa setshaba go nna le lorato magareng ga bone ele morafe, a re se seka nonofisa setshaba. 

A re naga e senag bokhudu-tlou bo mmalobeto ba ipha naga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 08 Jul 2015