Breaking News

Nyame o gatelela botlhokwa jwa thuto

07 Jul 2015

Mogolwane kwa Architects International, Rre Pedriel Nyame, a re thuto e botlhokwa ka e fetola matshelo.

Rre Nyame o buile jalo ka Matlhatso e le ene motsamai mogolo wa letsatsi leo kwa sekolong se segolwane sa Montshiwa morago ga motsamao oo neng o rulagantswe go kgobokanya madi a go ipelela dingwaga tse di tse masome a mararo tsa sekolo seo .

Rre Nyame o ne a kgothatsa baithuti go tseya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, are thuto e botlhokwa e bile ke yone e ka dirang gore motho a nne se a se batlang kgotsa a tshele botshelo jo a bo batlang.

Rre Nyame are le fa go ntse jalo go tlhoka gore baithuti ba tseye dithuto tsa bone ka tlhoafalo gape ba reetse barutabana, are sengwe le sengwe se a kgonega fa ba ikemiseditse go kgona, ka jaana ke bone bogogi jwa lefatshe mo isagong.

Rre Nyame are komppone ya gagwe ya Architects International e itlamile go rotloetsa thuto ,jalo a kopa bogogi jwa sekolo go itshwaraganya le bone,bogolo jang ga gona le matlhoki, a tlatsa ka gore ba reketse baithuti ba sekolo seo ditlhako le dikausu ba le lekgolo mme batla di tsisa mo nakong e e sa fediseng pelo, e le mokgwa wa go rotloetsa baithuti.

Morutabana kwa sekolong seo Mme Naledi Diphuti, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo motsamaong oo, are ba tswelele ka mowa oo wa thotloetso, are tiro ya letsatsi ba e kgonne ka mowa one oo wa thotloetso le kemonokeng.

O tsweletse a bolela gore batsadi , barutabana le baithuti ba a tlhokana gore tiro nngwe le nngwe e nne le maduo aa eletsegang, jalo a supa fa le bone ba kgothetse batla bereka ka botswapelo go ntsha maduo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Mogwanto

Date : 07 Jul 2015