Breaking News

Ditshupo ditshwanetse tsa tlhwaafalelwa

07 Jul 2015

Banni ba kgaolo potlana ya Boteti ba rotloeditswe go tsaya ditshupo tsa temo-thuo tsa kgaolo eo ka tlhwafalo le ntswa go na le dikgwetlho tsa leuba le le apereng lefatshe leno.


Kgothatso e, e dirilwe ke mogolwane wa mananeo go tswa kwa meepong ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM), Rre Tefo Tefo, fa a ne a bula  ditshupo tsa kgaolo ya Boteti ka Matlhatso, a tlhalosa fa ditshupo di le botlhokwa  thata  ka  baditseni ba ithuta tse di farologanyeng ka tsone.


O kopile Batswana go tlhwafalela temo thuo  ka ba ka  kgona go ijesa le go direla lefatshe leno dijo.


Dithupo tse dine di tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se reng,” Boipelego; konokono ya go nyeletsa lehuma go ya 2016 le go feta”a supa fa sele maleba ka jaana se tlhalosa botlhokwa jwa temo-thuo le boipelego.
 

A re mananeo  a a thusang balemi-barui jaaka la  ISPAAD, LIMID le nyeletso lehuma a ka o ne puso e ikaelela go tlhabolola dijo le go tlhama ditiro, ka gore dipalo di  supa  fa mananeo ao a na le seabe se segolo mo kgaolong ya Boteti le lefatshe leno ka bophara ka e bile a fetotse seemo sa matshelo Batswana.

A re go lemosega gore go leuba ,mme a leboga go bo komiti ya ditshupo e kgone go  tswelela ka tsone le gore  pele fa lefatshe leno le tsaya boipuso ,le go bonwa ga ditswa mmung, temo-thuo e ne ele yone e tshegeditseng itsholelo ya lefatshe leno,mme e ne ya wela tlase ka mabaka mangwe.


Rre Tefo a re  ba ntshitse P334,819.00 go thusa mo ditlhabololong tsa lebala la ditshupo la kgaolo ya Boteti le P10.000.00 go dirisiwa mo kabo dimpho ya ditshupo tsa mono ngwaga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Ditshupo

Date : 07 Jul 2015