Mapodisi a tlhotlhomisa leso
07 Jul 2015
Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go belaelwang fa rre wa dingwaga tse di masome a mane a tlhabileng yo mongwe ka senngwe se se bogale kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane.
Superintendent Albert Foda a re bobedi jo bo ne bo le kwa bo berekelang teng kwa polaseng ya Metsiakgama, go bapa le CKGR.
Moswi ke rre wa dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le botlhano le masome a mararo. O tlholega kwa letlhakane mo kgotleng ya mokgobelele. Rre Foda o ne a supa fa ba lesika ba itsisitswe ka seemo se.
O supa fa mmelaelwa a setse a le mo diatleng tsa ba sepodisi mme ba santse ba tlhotlhomisa se se ka tswang se ne se baka ntwa gareng ga bobedi jo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Foda o tlhalositse fa e ne ya re moso wa Tshipi kwa ditshupong tsa Letlhakane ga nna le ntwa e e bakileng dikgobalo tse di masisi.
Kgana e ne e ama banna ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mararo le botlhano. Mogolwane wa mapodisi a re yo o boneng dikgobalo o robaditswe kwa kokelong ya Letlhakane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2015






