Seloma o bolokilwe
06 Jul 2015
Mothusa tona wa pele, Rre Pelokgale Seloma o bolokilwe kwa Pilikwe ka Tshipi.
Rre Seloma e ne gape a kile a nna mopalamente wa Tswapong Borwa le go nna moemedi wa lefatshe leno kwa mafatsheng a mangwe.
Bo tautona ba pele, Rre Festus Mogae le Sir Ketumile Masire, motsamaisa dipuisano tsa palamente wa pele, Rre Ray Molomo, le motshwarelele bogosi jwa ga mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, ba ne bale fa gare ga matshwititshiti a a neng a tsile go robatsa Rre Seloma.
Dibu di tlhalositse fa Rre Seloma a ne a rata batho, a le maitseo, boineelo e bile a na le lerato la go direla batho jaaka ane a supa ka nako e aneng ele moemedi wa Tswapong Borwa.
Rre Kagiso Seloma o ne a tlhalosa fa a rraagwe a ikhuditse mo dithabing. O ne a supa fa tumelo ya ga rraagwe e le yone e neng ka nako tsotlhe e mothusa go emelana le ditlhabi tse dineng di galaka, le gore bolwetse botsere lebaka le leleele.
Moswi Seloma e ne ele seopedi, ebile ele lepolotiki la motia, seo se sa mo lebatse se gabone, morero, therisana le tlotlo mo batsalwa le ene le mo go mongwe le mongwe yo oneng a dira le ene.
Moswi ene ele seithati, setswerere sa puo le kapari, ke sone se seneng sa dira gore lefatshe leno le morome gongwe le gongwe le sena poifo. Kgosi Tiro Sebusang one a mo gakologelwa ka ditiro tsa gagwe a supa fa ene yare ka nako e aneng a neetswe maemo a bothusa tona mo lephateng la temo thuo, gone ga tlhagoga bolwe ja tlhako le molomo kwa borwa mme a rongwe go ya go buwa le batsadi, ka gotswe bonolo boreba bogale, batsadi bakokobela morago ga go buwa le bone ka bonolo jo mongwe le mongwe aneng a mokaa ka jone.
Mogwegadi, Rre Peter Molosi one a kaya fa Rre Seloma e ne ele motho yoo o ratang batho thata, mme a supa ka gore ka nako ya ene Rre Molosi a santse ale mo lephateng la thuto, ba ne ba seke ba ngongoregela tiego ya dibuka, ka nako eo one are mo go ba barekisang dibuka,be direkisetse lephata la thuto.
Ene ele motho yo osa itebelelelng boene ja gagqwe ka ane a ikaegile that aka modimo, mme ele ruri a direle setshaba ka botswapelo. Maemo a a neg ale mogo ene one a sa ikgogomose, one a a dibetse ka setho sa gagwe.
Mo boemong ja puso gone gole teng Tona wa Dikgaolo le Thabololo Magae Rre Slumber Tsogwane, yo le ene aneng a iteela kobo moroko ka botho jaga Rre Seloma gore ene yare go gorogeng kwa Palamenteng, ba gorosiwa ke bobegadikgang ka mafoko a a reng “Shooting from the hip” mme ene moswi a ba amogela ka lerato le le seng kana ka sepe le go ba godisa mo dipolotoking.
Rre Tsogwane are ene ele mogakolodi mo dipuisanong tsa palamente, ele mokaedi, seo sa tisa trshepho e tona mo go bo tautona ba nako eo gore ba morome kwa aneng ale teng pele a thokafala.
Mo boemong jaga Tautone Moplamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami Dorcus Makgato one a bala molaetsa o oneng otswa kwa go Tautona wa Lefatshe leno gore ele ruri balatlgetswe ke senatla, , mme wa tlhalosa fa a tlogetse motlhala mo godireleng setshaba ka boineelo, lerato le bonolo, ana le mowa wa neelano le wa tlotlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Tirelo ya phitlho
Date : 06 Jul 2015






