Botshelo kgetsi ya tsie
06 Jul 2015
Go tsweng goo lowe, Batswana e ne e le batho ba ba nang le mowa wa neelano le wa boipelego.
Se, se ne se senolwa ke ditiro di tshwana le molaletsa, motshelo le mafisa gareng ga tse dingwe.
Ditiro tse tsotlhe, di tsweletse ka go nyelela ka bonya ka bonya, selo se se bakang gore jaanong lehuma la nta ya tlhogo le tseye phekelo e sele mo go ba ba sa itshwarelang sepe.
Bogologolo ba lelwapa loora semangmang ba ne ba ka seke ba lale ka tlala baagisanyi ba ntse ba le teng. Mme mo malatsing a gompieno o kgona go bona motho a ja a bo a latlha a bapile le yo mongwe a le mo seemong se se hutsafatsang.
Ke ba se kaenyana fela ba ba santseng ba kgona go utlwela ba bangwe botlhoko.
Le fa go ntse jalo, gone go santse go na le bangwe ba ba lemogang gore le ntswa dipaka di fetloga go tsena tsa sesha, fela botshelo bone ga bo fetloge, e santse e le kgetsi e e kgonweng fela ke go tshwaraganelwa.
Sekai sa bangwe bao, ke Mme Juliah Moatshe wa kgotla ya Palamaokue kwa Machaneng.
Mme Moatshe a re ga go a tla fela mo go ene go le motlhofo gore a simolodise mokgatlho o o itebagantseng le go fa maloko a one dithuso tse di farologanyeng mo botshelong.
O ne a tlhalosa mo puisanong gore dikgwetlho tsa botshelo di ne tsa mo fa mogopolo wa go thusana botshelo le ba bangwe ka e ne e se ene fela yo o itemogelang tshokolo. Mme Moatshe, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone a re e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a simolola go kopa ba ba nang le kgatlhego go tlhama mokgatlho o o ka ba tswang thuso mo botshelo.
A re leano la gagwe le ne la atlega mme ba dumalana gore leloko lengwe le lengwe le ikwadise ka madi a a kana ka P110 mme go tloga foo ba bo ba nna ba ntsha ma P10 kgwedi le kgwedi.
O tsweletse ka go supa fa kwa tshimologong, ba ne ba le batlhano mme ya re batho ba bona ka fa ba tsweletseng ka teng ba supa kgatlhego ya go tsenelela ka bontsi.
Mme Moatshe a re le ntswa ba ne ba ipoleletse gore maloko a mokgatlho oo, e nne banni ba kgotlana ya Palamaukue fela, ga ba ise ba kgapele ope kwa morago yo o eletsang go ba tlatsa.
A re mo nakong ya gompieno mokgatlho wa bone o tshwere maloko a le masome a mararo le bongwe. A supa fa maloko ao bontsi e le bomme le rre a le mongwe fela.
O boletse gape gore bangwe ba ba supileng kgatlhego mo mokgatlho ke ba ba tswang kwa ntle ga Machaneng.
Mme Moatshe a re jaanong ba setse ba ipeetse seelo sa maloko a le masome a mararo le botlhano.
O kaile fa dithuso tse ba di abelanang di akaretsa didirisiwa tse di farologanyeng tse di diriswang fa yo mongwe a na le moletlo, leso kgotsa tiro epe fela e e tlhokang kemo nokeng.
A re didirisiwa tse di akaretsa dipitsa, ditilo, dijana tse ba di rekileng ka bontlha bongwe ja madi a ba a kokoanyang.
O tsweletse a re fa godimo ga moo, go na le madi a mangwe a ba tlaa bong ba a ntsha e ntse e le a dithuso ba bo ba thusa ka go bereka ka diatla mo tirong ya mong ka bone.
“Re kgona gape go fa bang ka rona dikgakololo fa ba kopana le diemo tse ba sa kgoneng go ikemela mo go tsone,” a tlhalosa.
Mme Moatshe a re fa e sale mokgatlho o, o simolola go na le tlokafalo e e nametsang mo matshelong a bone.
A re ba nna ba ipaakanyeditse seemo sengwe le sengwe se se ka tlhagogang botshelo bo ntse bo tsweletse.
O kaile gore go siana o kopa dithuso seemo se setse se gorogile ga se selo se se siameng.
A supa fa mokgatlho wa bone o bipa lehuma. A re mo nakong ya gompieno ba mo dithulaganyong tsa go kwadisa mokgatlho wa bone semmuso ka fa molaong.
O ne a supa gore fa dithulaganyo tsa go kwadisa di sena go wela, ba tlaa atlolosa le dithuso tsa bone.
A bolela gore dingwe tse ba setseng ba ikaeletse go di dira ke go tsaa boikarabelo ba go phepafatsa motse wa Machaneng ka botsogo e le bone bo tlang pele mo setshabeng.
Mme Moatshe o ne a rotloetsa setshaba go ikemela ka dinao.
A re lehuma ke selo fela se se boi se e reng fa motho a ikemetse go se lwantsha se bo se sa tsee nako go sia. A re mowa wa boipelego le neelano ke nngwe ya tse di ka thusang puso mo ntweng kgatlhanong le seemo sa lehuma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Mahalapye
Event : Puisano
Date : 06 Jul 2015






