Bakgatla ba lela ka leruo la bone
06 Jul 2015
Barui ba kgaolo ya Ramotlabaki le Phalakampa ba lela sa ga ragele ka leruo la bone le le tseneng ka gare itse la ba la nyelelela mo dipolaseng tse di mabapi le bone.
E rile barui ba kgaolo eo ba bua mo phuthegong ya barui kwa Ramotlabaki ka Labone, ba supa fa leruo la bone le tlolela kwa kgaolong ya Legare fa lengwe le tsene mo dipolaseng tsa Aferika Borwa mme go nne thata go di bona.
Mongwe wa barui, Rre Eric Masire a re kgang ya leruo la bone le le felelang kwa GaMmaNgwato e tswa kgakala go ntse go buiwa ka yone mme nako kgolo ke eno le fa gone kgang kgolo e le terata e e sa bolong go senyega.
A re terata eo ke yone e ba jesetsang mo kgobedung ka jaanong e buletse dikgomo phatlha ya go tswa di bo di tsena jaaka di batla.
Rre Masire a re mathata a mangwe ke gore fa go sena metsi mo kgaolong ya bone, dikgomo tsa bone di welela le noka di senka metsi mme boradipolase bangwe ba bula dikgoro tsa bone mme di tsene mo teng e be e le gone jaaka di ile.E rile morui ka ene a mo tlatsa Rre Matswienyane Kome a supa fa terata ya dipolase dingwe e wele mme e butse phatlha e mo go yone dikgomo di tsenang ka yone mme di felela kwa kgaolong ya ga GammaNgwato.
A re mathata a simologa fa noka ya Notwane e kopanang teng le ya Limpopo bogolo jang ka gore dinako tse dinoka tseo di kgadileng dikgomo di tsena mo dipolaseng tsa batho di batla metsi.
O ne a supa fa kgang e le go tlhoka tirisanyo mmogo mo gare ga bone le babereki ba dipolase tseo ka jaana go lebega bangwe ba bone ba dirisana le boradipolase bangwe go fitlha leruo leo bogolo jang mo dipolaseng tsa Aferika Borwa.
Rre Kome a re fa dikgomo tsa bone di tsene mo dipolaseng tse di mo molelwaneng wa Botswana, babereki ba dipolase tseo ba di bulela go tswela kwa metseng e tshwana Mmaphashalala le Kudumatse.
A re kgang ke gore ba tla bona dikgomo tsa bone jang mme a kopa Kgosi le Molaodi go ba thusa kgang e ka go tla felela go baka dikgoberego mo gare ga bone le barui ba bangwe ba dipolase tseo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, Rre Edwin Tladi a re dikgang tse di buiwang ke barui di boammaruri mme a supa fa ene a setse a kile a ya go tsaya dikgomo tsa gagwe kwa dipolaseng dingwe tsa barui ba Aferika Borwa.
A re gona le bangwe ba ba senyetsang Batswana a tlatsa ka gore bangwe ba bula dikgoro tsa bone tsa dipolase ka bomo mme morago ba tswalelele leruo la bone moo e be e le gone jaaka go ile fela jalo ka lone.
Rre Tladi o ne a kopa molaodi le mapodisi go ba thusa ka kgang e mme e bile a supa fa mapodisi a Botswana a tsibogela dikgang tsa borukhuthi mme baagisanyi o kare ba maoto a tshupa go ba thusa.
Molaodi wa Kgatleng Mme Samapipi le Kgosi Segale ba ne ba supa fa dikgang tsa bone di tlhoka therisanyo ka di ama maphatlha ka go farologana mme go le botlhokwa gore ba ye go ba rerisa go bona tlharabololo ya dikgang tseo.
Mme Samapipi a re selelo sa bone o se tsere sentle mme a supa fa go senyega ga terata le go sa baakanngweng ga yone e ka tswa e le gone go bakileng dikgang tse dintsi mme a supa fa a tla ikopanya le ba ba maleba.
Kgosi Segale o ne a supa fa ko tshimologong terata eo e ne e siame fela sentle e bile morafe o e tlhokometse mme ya tlogelwa morago ga lefatshe la Botswana le sena go tsaya boipuso.
A re ka nako eo go ne go sena dikgang tse dintsi ka gore leruo le ne le bulelwa go nwa metsi mme le busediwe mo phulong ya lone go sena mathata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya barui
Date : 06 Jul 2015






