Kereke e ka tsisa phetogo
06 Jul 2015
Le fa baruti bangwe ba ntshitse ka go dira dilo tsa tshokamo, kereke e botlhokwa go fetola batho le go aga tshaba e e eletsegang.
Se se builwe ke moemela kgosi wa Tlokweng, Kgosi Ramonnye Matlapeng fa a amogela moruti wa kereke ya PHD Ministries, Moporofiti Magaya kwa Tlokweng ko a neng a tshwere Tsosoloso ya Sekeresete ya malatsi a mararo.
Kgosi Matlapeng a re Batlokwa ba lesego go nna le moeng wa seemo sa ga Moporofiti Magaya ka matshelong a bone a tlaa fetoga. A re e re ntswa bogosi bo eteletse morafe pele, ga bo na bokgoni le botsipa jwa go thusa batho bo dilong tsa semowa.
A re ka jalo o solofela gore Moporofiti Magaya o tsile go thusa batho mo dilong tsa mohuta o. Kgosi a re kereke e molemo mo matshelong a batho, ka e aga motho. “Mo bogompienong, botlhokatsebe bo bontsi, mme kana se ke kotlhao ya go tlhoka go reetsa Modimo. Mme kana lefoko la Modimo ke peo ya tshiamo, e bile le ka fetola batho.”
A re le fa bangwe ba kgala dikereke, bogolo jang tsa baruti ba ba etelang mono ba re di tseela batho madi, se ga se a tshwanela go kgoba badumedi marapo. “Kana le Jeso o ne a kgalwa thata, jaanong bakeresete ba tshwanetse go dira se Baebele e se buang. Le bone ba ba kgalang ba, go ntshiwa madi kwa dikerekeng tsa bone.”
Kgosi Matlapeng a re dikereke di tlhoka madi go tsamaisiwa e bile di na le seabe mo go tlhabololeng lefatshe ka go aga matlo a kobamelo. Kgosi o ne a tlhalosa gore masula a a diragalang a tsalwa ke mewa e e bosula e batho ba sa itseng gore ba na le yone, ke sone se go tlhokafalang banna le basadi ba Modimo go golola batho.
Kgosi o ne gape a re dikereke di lese go gotlhagotlhana ka go dira jalo go kuketsa dipuo tse di sa eletsegeng tse di sa solegeleng setshaba molemo ka gope. “Fa dikereke di ka nna seopo sengwe di tlaa fenya tsotlhe tse mamba saatane a lekang go di dira. “Le fa mewa e e bosula e sa laolwe ke molao, lefoko la Modimo lone le a e laola. Jaanong tota Batswana ba tshwanetse go ikanya Modimo go fenya masula a re a boning a diragala mo lefatsheng la rona.”
Tiro e, e ne e tshologetswe ke baruti ba dikereke tse di farologanyeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya Tsosoloso ya Sekeresete
Date : 06 Jul 2015






