Go itirela ka diatla ga go latse le tlala
06 Jul 2015
Monana mongwe wa kgaolo potlana ya Kazungula kwa Chobe o bone go le botlhokwa gore a ikiteye ka thupana go itirela se eleng sa gagwe.
Rre Katlego Bango o tshotswe ka ngwaga wa 1989. A re pele fa a tla ka mogopolo wa go itshimolela kgwebo o ne a reka merogo a rekisetsa dikompone di tshwana Impalila Lodge le Ntwala Lodge.
Rre Onthatile a re o simolotse kgwebo ya gagwe e a eleng a e bitsa EAZYCAT FARM ka ngwaga wa 2010 a sena go tsaya dithebenyana tse a neng a di kokotleletsa go reka didirisiwa tsa mo tshimong.
A re o ne a dira sentle fela mo kgwebong ya gagwe mme a re morago ga ngwaga ngwaga tse nne a kwalela ba Youth Development Fund go mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe.Monana yo a re a itumedisiwa ke go bona ba Youth Development Fund ba mo thusa mono ngwaga ka Mopitlo.
Katlego a bolela fa gone ga nna motlhofo go tsweledisa kgwebo ya gagwe ka gobo tshimo ya gagwe e bapile le noka ya Chobe ka jalo sena kgwetlho ya go tlhoka metsi a go nosetsa. A re se se dirang gore go nnne motlhofo o rekile engine ee pompang metsi go tswa kwa nokeng go isa kwa tshimong.
Monana yo a re o itumelela thutuetso ya Batswana ka gore ba reka merogo ya gagwe le mmidi go sena pelaelo epe. A re o rekisetsa dikompone di tshwana bo spar,choppies,Chobe Marina lodge,dikolo le ba ba rekisetsang mo mekgwatlheng.Rre Katlego a re go itlhamela dikgwebo ke tsela nngwe ya go tlhamela ba bangwe ditiro o bua se a tlhalosa fa ene a setse a hirile babereki ba le bane mme a dumela gore fa kgwebo e ntse e gola babereki ba tla oketsega.
Fa a tlhalosa ka tsa temo ya merogo,a re ba simolola ka go jala peo mo mabokosong mme re peo e sena go mela e tseye kgwedi yotlhe e gola e le mo mabokosong. A re morago ga kgwedi ba simolola go ntsha peo ee medileng mo mabokosong go e jala ko mmung. Morago ga moo ba emela morogo go gola mme mo kgweding ya boraro ba simolola go roba. A tlhalosa fa ba dirisa menontshane e tshwana wa 2:3:2 mme ba o tsenya pela fa ba jala gore merogo merogo ya bone e gole e nonofile gape e kgatlhisa.
Monana yo a tlhalosa fa a na le kgwetlho ya diji tsa mo tshimong di tshwana bo mokowe,ngadule(aphids),tseakgope,ditlou le dikobe tsa naga. A re fa merogo e ntse e gola ba e gasa ka melemo go kganela diji go e ja. Katlego a tlhalosa fa ba dirisa terata ya motlakase go kganela diphologolo di tshwana bo ditlou le dikolobe tsa naga.
Fa a bua a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba lete merogo fa ba sena go e jala mo mmung go tswa kwa mabokosong ka gore mekowe e rata go e somola mo mmung. A re dijalo tse a di lemang ga di mo tseye dingalo ka gore ga a nke a emela gore dipula di ne ka gore ka gore noka ya chobe e a mmelega fa go tla mo kgannyeng ya go nosetsa.Katago a tlhalosa fa a dirisa nosetso ya thootho(drip irrigation) mme ebile e le tsela nngwe ya go somarela metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Daisy Gole
Location : KAZUNGULA
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2015






