Breaking News

Bagodi ba rotloediwa go tlhagafalela botsogo

07 Jul 2015

Maloko a mokgatlho wa Botswana Retired Nurses Society kwa Francistown a rotloeditse bagodi ba Bluetown go tsaya kgato ka botsogo jwa bone.

Mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Susan Jorosi, a re botsogo jo bo lolameng ke konokono ya go tshela sentle ka nako tsotlhe.

O buile seo kwa Bluetown ka letsatsi la go itlhatlhobela malwetse a mmele ka bosheng o o neng o rulagantswe ke bone ba kopane le ba mokgatlho wa Bagodi Lesedi la Sechaba.

Mme Jorosi o tlhaloseditse bagodi fa mokgatlho oo o kwadisitswe ka fa molaong ka ngwaga wa 2003. A re tiro ya bone ke go ruta bagodi le go fa bogakolodi mo go tsa botsogo ka go ba rotloetsa go ja dijo tse di sireletsang mmele ka nako tsotlhe.

Mme Jorosi a re ba lemogile gore bangwe batho ba kgona go bona dithuto kwa ditirong le fa go ntse jalo bagodi bone ba beilwe ka fa mosing. O tlhalositse fa ba thusitse bagodi thata kwa dikgaolong tsa borwa jaanong ba bone gore ba seka ba gogela kobo ntlha ele nngwe.

A re mokgatlho wa bone o gola ngwaga le ngwaga le fa ntswa ba aperwe ke dikgwetho tsa letlhoko la dikoloi le ditsompelo. O tlhalositse fa ba tsile go tlhatlhoba bagodi le go ba fa bokaedi le bogakolodi jwa gore ba ka bona thusa jang, a tlatsa ka gore ga ba fe batho dipilisi.

Mme Jorosi a re ba simolotse tiro e ya bone kwa Masunga mme keletso ya bone ke go thusa bagodi ba Francistown ka dikgotla tsa bone. Fa a amogela baeng le bagodi, Kgosi Edward Showa wa Tati-town a re go itlhatlhobela malwetse a a farologanyeng go ka ba thusa go bona kalafi ka bonako.

Kgosi Showa a re go le gantsinyana bagodi ba latlhegelwa ke matshelo ntateng ya tiego ya go bona kalafi.

O lebogetse tiro e ntle e e dirwang ke mokgatlho oo wa baoki, a tlatsa ka gore tiro ya boithaopo ke tiro e e thata, a re ba seka ba inyatsa ka se ba se dirang mme ba tshware fela ka natla.

Kgosi o rotloeditse bagodi go itlhatlhobela malwetse ka go farologanya le go itse diemo tsa bone tsa botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Letsatsi la go itlhatlhobela malwetse a mmele

Date : 07 Jul 2015