Go betla go tshetsa lolwapa kwa Jwaneng
06 Jul 2015
Rre Motshegetsi Wadikobo o dirisa lorato lwa gagwe lwa go betla go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
Rre Wadikobo yoo o dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa o tlhalositse fa a lorato lwa gagwe lwa go betla a tswa le bone kwa dingagweng tsa gagwe tsa bonana. O tlhalositse fa a simolotse ka go betla bo mpopi le didirisiwa tse dingwe tsa Setswana.
O kaile fa go lemogeng gore o ka itshetsa ka mpho ya gagwe ya go betla ebile e ka gola go na le fa a direla mo gae, a simolola go inaakanya le mananeo a puso gore a godise kgwebo ya gagwe go tswa mo lwapeng go ya kwa bathong.
Rre Wadikobo o tlhalositse fa a ne a ikwadisetsa lenaneo la nyelotso lehuma le le neng la mothusa ka diririsiwa le lefelo la go direla.
O kaile fa a betla ditilo tsa Setswana, ditafole le didirisiwa tse dingwe tsa Setswana tse di betliwang.
O ne gape a tlhalosa fa go inaakanya le lenaneo la nyelotso lehuma go thusitse kgwebo ya gagwe ka jaana o kgona dira dilwana tse dintsi ka palo ka jaana ana le didirisiwa tse di fefosang tiro gona le faa jaaka a ne a direla kwa lwapeng.
Rre wa mmetli o kaile fa go tsenelela nyelotso lehuma go mo thusitse ka gape o kgona go ya go supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa mafatshe fatshe tse mo go tsone a bonang bareki ba bantsi ebile ele ba mafatshe a sele.
O buie gape gore o tsenelela dikgaisano tsa ga tautona tsa bodiragatsi ele nngwe tsela ya go ipapatsa mo Batswaneng jaaka ene le gone go itse gore o ka tokafatsa jang tiro ya gagwe ka jaana ka dikgaisano go lebelelwa dilwana tsa badiragatsi ka leitlho le le tseneletseng.
O tlhalositse fa bagolo le makgotla a Setswana mo toropong e le one a a kgatlhegelang tiro ya gagwe ka jaana ka reka dilwana tsa gagwe kgapetsa kgapetsa.
O buile gape gore o bona kgwebo mo bananeng bogolo jang ba ba ipaakanyetsang go nyala ka jaana ngwao e ba pateletsa go nna le dilwana dingwe tsa Setswana.
Rre Wadikobo are kgwebo ya gawe e tsamaya sentle ebile e botoka fela thata ka jaana osechaba le mabentlele a matona mo toropong aitse ka ene ebile ba kgona go mmitsa go tla go baakanya dilwana tsa bone fa di senyegile kana di tlhokana le go lomaganngwa sentle.
Rre yoo wa mmetli are keletso ya gagwe ke go bona go petlo e gatetse pele ke ka jalo a rutang bana ba gawegwe le ba bangwe ba ba nang le keletso ya go betla, a kaya fa go dira jalo go tlaa godisa petlo mo bananeng ka jaana bone ba ka kgona go e tokafatsa ka maranyane a sesha.
Fa a bua ka dikgwetlho tse a kopanang le tsone, Rre Wadikobo are go tlhoka sepagamo go mo kgoreletsa go ka anamisa dilwana tsa gagwe le mafelo a a gaufi le Jwaneng jaaka Kanye, Lobatse,Gaborone le Goodhope kwa a lemogileng fa kgwebo e ka nna e e botoka thata.
O kaile fa letlhoko la sepagamo le mo kgoreletsa le mo go tseeng dikgong tse a didirisang ka nako ka jaana a tshwanelwa ke go hirisa koloi pele.
Are fa a ka nna le koloi o ka kgona le go dirisa logong lwa mophane go oketsa dikgong tse a di dirisang mo nakong eno tsa mokgalo,mokabi,mosilabele, morolwana le morukuru go betla.
Rre Wadikobo are keletso ya gagwe ke go bona kgwebo ya gagwe e aname le lefatshe lotlhe ebile e le nngwe ya marekisestso a matona mo dingwageng tse tlhanotse di tlang.
O kaile fa mmaraka wa go betla o santse o bulegile fela thata mo Botswana, mme ka jalo a rotloetsa banana ba ba nang le lorato lwa go betla go inaakanya le petlo gore ba fetole matshelo a bone ebile ba bo ba hire ba bangwe go imolola puso morwalo wa letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : JWANENG
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2015






