Lore le ojwa le sa le metsi
05 Jul 2015
Kgosi Israel Molema wa Borolong mo kgaolong-potlana ya Tonota, a re go botlhokwa gore bana ba fiwe dikgakololo tse di maleba, e bile di na le bokao ba sa le ba nnye tse ba ka tswelelang ba di sala morago mo isagong fa ba ntse ba gola.
Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a supa fa a sa itumedisiwe ke ditiro tsa go tlhoka boikarabelo le tse dingwe tse di fatlhang tse bangwe banana ba motse ba felelang ba amega mo go tsone.
A re ditiro tse di supa fa bangwe banana ba amega mo go tsone ka jaana ba tlhaetse dikgakololo tse di ka ba betlang tsa ba bontsha pharologanyo fa gare ga molemo le bosula.
Kgosi Molema o bile a gwetlha batsadi go seka seka ditsela dingwe tse ba godisang bana ka tsone ka jaana le tsone di na le seabe go senya kgotsa go aga maitsholo a bana.
O ne a gakolola batsadi gore ba seka ba nna ba bipa melato ya bana ba bone, a re fa ngwana a dira phoso motsadi a seka a loba kgotsa a ema le ngwana ka se se diragetseng.
Go sa le foo, Kgosi Molema o bile gape a supa fa a sa itumedisiwe ke manyalo a a sa rulaganngwang ka fa molaong a a tsweletseng ka go runya e bile a golela pele magareng ga banana.
A re mangwe manyalo a a dirwa fela ntle le go dira morero fa gare ga batsadi ba ga mme le rre fa a mangwe a rerwa ke batsadi ba e seng ba nnete.
Kgosi Molema a re bodiphatsa jwa one manyalo a ke gore fa go tlhagoga bothata go nna dingalo go agisanya banyalani ka go a bo go sena motlhala wa batsadi ba nnete.
A re bangwe basha ba tsweletse ka go kgatlhegela one manyalo a tiitiipote ka ba re ba retelelwa ke go ntsha bogadi.
Kgosi Molema a re go tswa goo Lowe, lenyalo le ne le kgonwa go dirwa le ntswa magadi a sa ntshiwa.
A re se se botlhokwa ke morero o o dirwang ke batsadi boo babedi le tumalano ya gore motho o ka tsaya mosadi mme go nne le thulaganyo fa gare ga batsadi gore magadi a tla tswa leng e bile ka tsela efe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : BOROLONG
Event : Potsolotso
Date : 05 Jul 2015






