Ralotsia o rotloetsa balemi go dirisa mananeo a temo-thuo
05 Jul 2015
Tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia o rotloeditse balemi-barui go dirisa mananeo a temo-thuo go ntsha dijo le go rekisa ka gore go kopa kwa mafatsheng a mangwe ga go monate, ka Motswana a boletse a re lerotse ka makopo le se na kgodu.
Tona Ralotsia, yo e bileng e le mopalamente wa Kanye Bokone, o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Fidelis Molao kwa letsatsing la go isa ditlamelo tsa temo-thuo kwa bathong kwa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ka Labobedi (30/06/2015).
Rre Ralotsia, yo o tlhotseng kwa motseng oo, o boletse fa puso e leka ka maatla otlhe gore Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng a dirise mananeo a puso a sesolo jaana ISPAAD le NAMPAAD go ntsha dijo mo masimo le mo loruong mme mo go salang ba bo ba rekisa jaaka puso e rotloetsa.
O boletse fa puso le lephata la gagwe ba lwantsha ntwa kgatlhanong le tlala, letlhoko la ditiro le gore Batswana ba nne le dijo tse di lekaneng, jaanong sebe sa phiri ke gore ba ithetse moriti o tsididi fela ba batla ba direlwa e se nama.
O boletse fa Tautona a bone fa lefathse leno le tlaa fekeediwa ke leuba mme a laola gore monongwaga batho ba thusiwe mo phokoletsong ya tsa temo-thuo le tse dingwe go thusa Batswana mo manokonokong a leuba.
O boletse fa puso e lemogile gore dipula monongwaga di ne di le boutsana, ka jalo o kopa Batswana go tshwara ka thata go dirisa mananeo.
Bangwe ba buile kwa masimo ba iphotlhere fa ba ba neng be ora molelo wa mariga ba tsena mo seatleng.
Le fa go ntse jalo, Tona Ralotsia o kopile ba ba nang le masimo ba sa a dirise go adima ba bangwe ba ba nang le pelo ya go lema gore le bone ba solegelwe molemo ke mananeo a puso.
O boletse fa masimo ka bontsi a medile ditlhare mme beng ba one ba ntse fela.
O rotloeditse gape gore barui ba rue dikgomo tsa mashi, a bolela fa mashi a tlhaela thata mo Botswana. O boletse fa go na le lenaneo la go thusa barui ka moroto wa dipoo tsa mashi mme lephata la gagwe le thusa gore go dirwa jang.
Tona o boletse fa Botswana e tlhokana le 60 million litres ya mashi mme Batswana ba ntsha 3 million fela mo go sa lekanang.
Kwa letsatsing leo go ne ga supegediwa banni mananeo a a farologaneng le go thusiwa le bontshiwa go tsenya manyena a dikgomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Letsatsi la go isa ditlamelo kwa bathong
Date : 05 Jul 2015






