Breaking News

Mapodisi a batla mmangwana

05 Jul 2015

Mapodisi a Tati Town kwa Francistown a kopa setshaba go ba batlisa mmaagwe lesea le le fitlhetsweng le phuagantswe fa maemelong a dipalamo tsa setshaba kwa Bluetown beke e e fetileng.

Mogolwane wa mapodisi ao, Superintendent Cyprian Magalela, o boletse mo potsolotsong fa ba tlhabilwe podi matseba ke bafeti ka tsela ba ba neng ba emetse dipalamo gone foo.

Supt Magalela a re ba ne ba fitlhela lesea le phuthilwe sentle, le apesitswe diaparo sentle e bile le bapisitswe le beke ya diaparo go na le mokwalo o o neng o balega o re; “Ngwana yoo o anywa letsele, Modimo o intshwarele ka se ke se dirileng.” 

O tlhalositse gore lesea le kwa kokelong ya Nyangabgwe e bile le tsogile sentle, mme a tlatsa ka gore ke tiragalo ya ntlha monongwaga e diragala mo kgaolong ya gagwe.

Supt Magalela o kopile batsadi ba ba itseng fa bana le bana ba ba itsholofetseng go batlisisa gore boimana joo bo tsamaya jang.

O kopile gape le ene mmaagwe lesea go itshupa kwa mapodising ape fela a a gauofi go ya go kopa thuso.

A re ope fela yo o a ka tswang a na le motlhala kgotsa a utlwaletse moshwadile ka lesea leo, a leletse mapodisi a Tati Town mo mogaleng wa 241 3321 kana 241 2231 kana 999. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 05 Jul 2015