Breaking News

Puso e lekela Batswana ka mananeo

02 Jul 2015

Mookamela mananeo a nyeletso lehuma kwa kgaolong potlana ya Tutume, Mme Barulaganye Mosetlha o kopile baamogedi ba mananeo a nyeletso lehuma mo kgaolong eo go netama mo mananeong ao gore kwa bofelong a ba tswe mosola.

Mme Mosetlha o buile jalo kwa ditshupong tsa ditiro tse di dirilweng ka thulaganyo ya nyeletso lehuma kwa Tutume ka bosheng.

A re puso e tsere kgato e tona thata ya go nyeletsa lehuma mo bathung le go ba rutontsha ka mananeo a ba ikopetseng, a re gatelela ka gore go mo go bone go bona gore maiteko a puso ga a itiye sefololetse.

A supa fa e le bone ba ka ikitshang mo lehumeng fa ba ka nitama mo mananeong a bone.O ile a ba kgotlhatsa go tsaya nako e ntsi ba dira mananeo a bone. A re gape a go palelwa go seka gab a kgoba marapo mme ba ikopanye le bangwe ba amogane maele a go ka tlila dikgwetlho tse ba kopanang natso le go tla ka ditlharabololo tsa go ka tsweledisa.

Mme Mosetlha a re gape ba tlogele go tswelapelo mananeo a batho ba sele a supa fa seo se ka ba sera tlhaloganyo mme ba palelwe le go tsweledisa ga bone mme ba ititeye ka thupana go lwela phadisanyo.

O ile a ba kgothatsa go nna ba bua ka dikgwebo tsa bone gongwe le gongwe gab a tsamayang gone, a re ka seo batla bo ba ipapatsa e seng go emela nako ya ditshupo tsa khansele.

A re gape ba tshwanetse go nyorelwa go ntsha maduo a a nametsa mo dikgwebong tsa bone,a re seo se tlaa ba tiisa moko gore ba kgone go dira natal mo mananeong a bone.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgetlhi o ile a lebogela tlhulaganyo ya lenaneo la nyeletso lehuma.

A re ka lenaneo leo Batswana ba le bantsi ba kgone go direla ba bangwe ditiro,a re gape le fetotse matshelo a batho ba le bantsi.

O ile a kopa baamogedi ba lenaneo leo go bereka ka natla le go rekisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go sola molelo lenaneo leo.

Modulasetilo wa komiti ya boipelego mo khansele ya Tutume, mokhanselara Lopang Masikara o ne a supa fa puso e ntsha mananeo ka bontsi mme batho ba supe kgatlhego ka bontsi ka go ikopela mananeo ao.

Rre Masikara a re se se swabisang nko go feta molomo maduo a tiro a mananeo ao ga a bonale jaaka a bo SMME le F.A.P, a kopa bao ba ba tsereng dithuso tsa nyeletso lehuma gore a leo le seka la tshwana le ao mme bal eke ka bojotlhe go nyeletsa lehuma le go thamela batho ba bangwe ditiro.

Mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Mme Loni Masalila yoo dirang kgwebo ya go apaya o boletse fa lenaneo le mo inotse thata ka o kgonne go gokela motlakase le metsi mo lelwapeng la gagwe.

Mme Masalila a re gape le mo thusitse thata ka le bana ba gagwe gab a sa tlhole ba wela mo isong ebile o kgona go ba duelela kwa sekoleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Ditshupo tsa ditiro tsa nyeletso lehuma

Date : 02 Jul 2015